Bidio e Ntšha ya go Simolola Dithuto Tsa Baebele
Bidio e khutshwane e e nang le setlhogo se se reng Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? e fitlhelela babadi ba le bantsi thata mo go jw.org. Bidio eno e diretswe go tlhotlheletsa batho ba ba kgatlhegang go amogela taletso ya rona ya go ithuta le bone Baebele mahala. O ka kgona go e bula ka go tlhopha “Kopa Thuto ya Baebele” kwa tlase mo tsebeng ya kwa tshimologong kgotsa ka go skena khouto ya QR (quick response) e e gatisitsweng kafa morago ga pampitshana nngwe le nngwe ya rona e ntšha. Fa tlase fano go na le ditsela dingwe tsa kafa re ka dirisang bidio eno ka tsela e e molemo ka gone.
Fa o dira loeto lwa go boela, raya mong wa ntlo o re: “A nka go bontsha bidio e khutshwane e e tlhalosang kafa o ka bonang dikarabo tsa dipotso tsa Baebele ka gone?” Fa a dumela, mmontshe bidio mo sedirisiweng sa gago sa ileketeroniki kgotsa mo khomputareng ya gagwe.
Fa re tsamaisa nngwe ya dipampitshana tse disha fa re ntse re rera re se mo bodireding, re ka bontsha motho khouto ya QR mme re bo re mo kgothaletsa go e skena ka sedirisiwa sa gagwe sa ileketeroniki. E re ka mo dipuong di le dintsi khouto ya QR e go isa ka tlhamalalo kwa bidiong e e mo go Web site ya rona, o ka kgona go tshameka bidio eo gone ka nako eo o dirisa sedirisiwa sa gago sa ileketeroniki.
Bolelela badirimmogo, ba o tsenang sekolo le bone, ba losika le batho ba bangwe ba o ba itseng ka bidio eno mme o ithaopele go ba e bontsha. Kgotsa ba romelele e-mail ya link ya bidio eo mme o bo o ba kopa gore ba lebelele.
Ka go dirisa sedirisiwa seno se sesha, re ka kgona go simolola dithuto tse di oketsegileng tsa Baebele, re thusa batho ‘ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng’ semoyeng.—Dit. 13:48.