Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Thusa Motho yo o Tsamayang le Ene
Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa: Jesu o ne a lemoga botlhokwa jwa go tsamaya le motho yo mongwe fa o rera. Ka jalo, fa a ne a roma barutwa ba gagwe ba le 70 gore ba tsamaye pele ga gagwe ba ye go rera, o ne a ba roma ka bobedi le bobedi. (Luke 10:1) Motho yo o tsamayang le mmoledi, a ka mo thusa fa go tlhaga mathata kgotsa fa a sa tlhomamisege gore a ka araba mong wa ntlo jang. (Mor. 4:9, 10) A ka dirisa maitemogelo a gagwe mme gangwe le gape a neye motho yo a tsamayang le ene kakantsho e e ka mo thusang go nna moreri yo o atlegileng thata. (Dia. 27:17) Gape a ka mo kgothatsa ka motlotlo o o agang fa ba se mo matlong.—Bafil. 4:8.
Leka Seno mo Kgweding Eno:
Fa o sena go bereka le mongwe mo bodireding, mmolelele gore ke eng se a se buileng kgotsa se a se dirileng se se dirang gore a nne mothusi yo o molemo mo bodireding.