Go Isetsa Batho Dimakasine ka Metlha—Go re Thusa go Simolola Dithuto Tsa Baebele
1. Ke ka ntlha yang fa phuthego ya ga Jehofa e sa bolo go kgothaletsa baboledi gore ba simolole thulaganyo ya go isetsa batho dimakasine ka metlha?
1 Batho ba le bantsi ga ba kgatlhegele go ithuta Baebele le rona mme ba itumelela go bala dimakasine tsa rona. Ka jalo, phuthego ya ga Jehofa ga e bolo go kgothaletsa baboledi gore ba simolole thulaganyo ya go isetsa batho dimakasine ka metlha. Fa batho ba ntse ba bala dimakasine tsa rona ka metlha, gantsi ba simolola go tlhologelelwa Lefoko la Modimo. (1 Pet. 2:2) Ba ka feleletsa ba kgatlhilwe ke sengwe se ba se balang ba bo ba amogela thuto ya Baebele.
2. Re ka dira jang go tsosa kgatlhego ya ba re ba isetsang dimakasine ka metlha?
2 “Nosetsa” Peo ya Boammaaruri: Mo boemong jwa go tlogela dimakasine fela, tlotla le mong wa ntlo mme o leke go aga botsala le ene. Seno se tla go thusa gore o tlhaloganye maemo a gagwe, dilo tse a di kgatlhegelang le tse a di dumelang mme ka jalo o tla kgona go dirisa temogo fa o bua le ene. (Dia. 16:23) Baakanyetsa loeto longwe le longwe. Fa go kgonega, tlhomolola ka bokhutshwane ntlha nngwe le temana e e tsamaisanang le yone go tswa mo dimakasineng, o nosetsa peo epe fela ya boammaaruri e e mo pelong ya gagwe. (1 Bakor. 3:6) Nako le nako fa o ile kwa go ene, kwala gore o mo tlogeletse dikgatiso dife le gore lo tlotlile ka dintlha dife le ka ditemana dife.
3. Re tshwanetse go boela ga kae kwa bathong ba re ba isetsang dimakasine ka metlha?
3 Re Tshwanetse go Boela ga Kae? O tshwanetse go boela gangwe ka kgwedi kwa bathong ba o ba isetsang dimakasine ka metlha gore o ba fe tsa bosheng. Le fa go ntse jalo, o ka tlhopha go boela makgetlho a le mmalwa go ikaegile ka maemo a gago le ka kgatlhego ya motho yoo. Ka sekai, beke kgotsa tse pedi fa o sena go tlogela dimakasine, o ka boa mme wa re, “Ke tlile ka bokhutshwane go tla go go bontsha sengwe mo dimakasineng tse ke di go tlogeletseng.” Seno se tla dira gore a batle go bala setlhogo sengwe mo makasineng oo. Fa e le gore o setse a se badile, o ka mmotsa gore o ikutlwa jang ka sone lo bo lo tlotla ka sone ka bokhutshwane. Kgotsa fa motho yono a rata go bala dikgatiso tsa rona, o ka boa mme wa mo tsamaisetsa pampitshana, boroutšhara kgotsa buka e e tsamaisiwang mo kgweding eo.
4. Re ka dirang gangwe le gape go tlhomamisa gore a batho ba re ba isetsang dimakasine ka metlha ba ka tswa ba kgatlhegela go ithuta Baebele?
4 O se ka wa leta mong wa ntlo a ikopela go tshwarelwa thuto. A e nne wena o tsayang kgato pele. Tota le fa a kile a gana go ithuta Baebele mo nakong e e fetileng, gangwe le gape o ka buelela karolo e e reng, “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele” go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo mme o bone gore a a ka rata go tlotla ka yone. Gongwe o ka simolola go ithuta le ene o eme fa kgorong. Le fa go ntse jalo, fa o sa kgone go simolola thuto, o ka tswelela o mo isetsa dimakasine gore o tsose kgatlhego ya gagwe.