“Re go Etetse ka Gonne . . . ”
Fa beng ba matlo ba bula kgoro ba bo ba re fitlhela re eme ka fa ntle, ba ka nna ba ipotsa gore re bomang le gore re tlile go dirang. Re ka reng fa re ikitsise e le gore ba wele makgwafo? Baboledi bangwe fa ba sena go dumedisa jaaka go tlwaelegile, ba dirisa polelwana “ka gonne” go tlhalosa. Ka sekai, ba ka nna ba re: “Re go etetse ka gonne baagelani ba le bantsi ba amegile ka bokebekwa. A o akanya gore . . . ” kgotsa “Ke fano ka gonne ke ruta batho Baebele mahala.” Fa o bolelela mong wa ntlo kwa tshimologong fela gore ke ka ntlha yang o mo etetse, a ka nna a batla go reetsa gore o tlile go bua ka eng.