Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka September le October: Makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Fa o dira maeto a go boela, buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa fa o bona go tshwanela go ya ka se motho a se kgatlhegelang, o ka mo naya boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri mme o leke go simolola thuto ya Baebele. November le December: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? Fa motho a bontsha kgatlhego, mmontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya paka ya Segopotso sa 2014 e tla neelwa ka beke e e simololang ka April 21. Setlhogo sa puo eo se tla itsisiwe moragonyana. Diphuthego tse di tla bong di na le ketelo ya molebedi wa potologo kgotsa di na le kopano ka mafelobeke ao, di tla nna le puo e e kgethegileng mo bekeng e e latelang. Ga go na phuthego epe e e tshwanetseng go neelwa puo e e kgethegileng pele ga April 21.
◼ Diphuthego tse di latelang di ne tsa itumelela go neelwa ga Diholo Tsa Bogosi tsa tsone tse disha. Gauteng: Ga-Rankuwa View, Moduane. Lesotho: Tsosane. Limpopo: Seshego East.