Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka July le August: Tsamaisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa boroutšhara bope jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo ka tswang bo le teng mo setokong sa phuthego. September le October: Makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o dira maeto a go boela buelela buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa fa o bona go tshwanela go ya ka se motho a se kgatlhegelang, o ka mo naya boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri mme o leke go simolola thuto ya Baebele.
◼ Diphuthego tse di latelang di ile tsa ipelela go neela Diholo Tsa Bogosi tsa tsone tse disha. Eastern Cape: Qolombane. Gauteng: Birchleigh North, Stinkwater West, Stretford Central. Lesotho: Qacha’s Nek. Limpopo: Groothoek. North West: Damonsville.