Boitshwaro jo bo Galaletsang Modimo
1. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba lemogiwa motlhofo fa ba tlile kopanong ya kgaolo?
1 Fa re le kwa dikopanong tsa kgaolo, batho ba kgona go re lemoga motlhofo. Mo mafelong a le mantsi a dikopano, metswedi ya dikgang ya mo mafelong ao e itsise batho ka rona. Gantsi dihotele le diresetšhurente di tlala ka batlakopanong, e bile batho ba ba nnang mo lefelong leo ba bona baeng ba bantsi ba ba tsentseng dibetšhe tsa kopano. Fa tlase fano go na le dikgakololo dingwe tse di tla re thusang go galaletsa Modimo ka boitshwaro jwa rona fa re le kwa lefelong la kopano.—1 Pet. 2:12.
2. Re ka galaletsa Modimo jang ka moaparo wa rona o o nang le seriti fa re le mo lefelong la kopano?
2 Moaparo o o Nang le Seriti: Gantsi diaparo tsa rona tse di nang le seriti fa re le kwa kopanong, di kgatlha batho ba ba re lebileng. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe tsela ya rona ya go apara—fa re goroga kwa dihoteleng, fa re le kwa resetšhurenteng, fa re ile mabenkeleng, jalo le jalo—e ka ama thata tsela e batho ba re lebang ka yone. Le fa gone re sa tlhoke go apara diaparo tse re di aparang kwa dipokanong mo makgetlhong ano, se re se aparang se tshwanetse go nna le seriti, mme gone re sa apare ka tsela e e botlhaswa. Batho ba ba re lebileng ba tshwanetse go bona pharologano fa gare ga rona le batho ba ba sa dumeleng. (Bar. 12:2) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go tsenya dibetšhe tsa rona tsa kopano, ka gonne seno se tla itsise batho ka kopano e bile se tla re neela ditshono tsa go neela bosupi le go dira gore batlakopanong ba bangwe ba kgone go re lemoga.
3. Re ka bontsha jang bopelotelele le maitseo?
3 Bopelotelele le Maitseo: Mo nakong eno e batho ba le bantsi mo lefatsheng e leng baithati le batho ba ba sa lebogeng, ruri bopelotelele jwa rona le maitseo a rona a tla kgothatsa batho ba ba re lebileng, ba ba jaaka badiri ba dihotele le ba diresetšhurente! (2 Tim. 3:1-5) Fa re boloka manno kgotsa fa re emetse go tsaya dikgatiso tse di golotsweng kwa kopanong, ga re a tshwanela go ipatlela molemo mme re tshwanetse go o batlela ba bangwe. (1 Bakor. 10:23, 24) Morago ga gore monna mongwe yo o neng a bontshitse kgatlhego a nne teng kwa kopanong ka lekgetlho la ntlha o ne a re, “Ga ke gakologelwe epe ya dipuo tse di neng tsa neelwa mo letsatsing leo, mme ke gakologelwa thata boitshwaro jwa Basupi.”
4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akanyetsa go ithaopa kwa kopanong fa maemo a rona a re letla?
4 Baithaopi ba ba Thusang ka go Rata: Bakeresete ba boammaaruri ba itsege ka go iketleeletsa go ithaopa. (Pes. 110:3) A o ka ithaopela go thusa kwa kopanong? Kwa lefelong lengwe la kopano, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ka nnang 600 ba ne ba ithaopela go phepafatsa pele ga kopano. Badiri ba ne ba re: “Seno ke selo se se gakgamatsang thata se re kileng ra se bona! Go thata go dumela gore batho bano botlhe ke baithaopi.” Re lebile pele ka tlhoafalo kwa dikopanong tsa kgaolo tsa 2013 le tshono e re tla nnang le yone e seng fela ya go reetsa le go rutiwa ke Modimo mme gape le go mo galaletsa.
[Mabokoso mo go tsebe 3-6]
Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo ya 2013
◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Mmino o o simololang thulaganyo o tla simolola ka 9:00 a.m. mo malatsing otlhe a mararo. Ka nako eo, rotlhe re tshwanetse go nna mo mannong a rona gore thulaganyo e simolole ka seriti. Pina e e konelang le thapelo di tla itsisiwe ka 4:30 p.m. ka Labotlhano le ka Matlhatso mme ka Sontaga thulaganyo e tla konela ka 3:15 p.m.
◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la go phaka dikoloi, dikoloi di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang go phaka mo go lone. Gantsi mafelo a go phaka dikoloi ga a mantsi, ka jalo, re tshwanetse go leka thata go tsamaya mmogo mo dikoloing.
◼ Marobalo: Diforomo tsa Special Needs Room Request (CO-5) di gone fa baboledi ba ba batlang go kopa marobalo ba di batla. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go sekaseka gore a baboledi ba a tshwanelega, e dirisa dikaelo tse di mo foromong eno le tse di mo lekwalong la December 14, 2010, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane. Thulaganyo eno e diretswe fela baboledi ba ba nang le boemo jo bo siameng mo phuthegong le bana ba bone ba ba maitseo.
◼ Go Boloka Manno: O ka bolokela fela batho ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba o nnang le bone mo ntlong e le nngwe kgotsa ba o ithutang Baebele le bone gone jaanong. Manno a batho ba ba godileng le ba ba bokoa a lekanyeditswe, ka jalo, go ka se kgonege gore ba lelapa botlhe ba nne le bone. Tsweetswee tlogeleleng batho ba ba godileng, ba ba bokoa le ba ba ba thusang ditulo tseo.—1 Bakor. 13:5.
◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng ka dijo tse di motlhofo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya ka fa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa mo lefelong le batlhokomedi ba lo kaelang gore lo di beye mo go lone. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.
◼ Meneelo: Re ka bontsha gore re anaanela go bo re baakanyeditswe kopano ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa kopanong. Fa e le gore lo ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, dirang dituelo go “Christian Congregation of Jehovah’s Witnesses of South Africa.” Dikopano di le mmalwa di tla amogela meneelo ka dikarata tsa debit kgotsa tsa credit.
◼ Melemo: Fa e le gore o tlhoka melemo e o e fiwang ke ngaka, tsweetswee tlhomamisa gore o tla ka e e lekaneng, e re ka go tla bo go se na epe kwa kopanong. Mamao a bolwetse jwa Diabetes le dinnale di tshwanetse go latlhelwa sentle mo metemeng ya matlakala ya dilo tse di kotsi mme e seng mo metemeng e e mo mabaleng a kopano le mo dihoteleng.
◼ Ditlhako: Ngwaga le ngwaga go nna le dikgobalo di le mmalwa tse di bakwang ke ditlhako tse re di rwalang segolobogolo tsa direthe tse di kwa godimo. Go botoka go tlhopha ditlhako tse di bori, tse di go lekanang sentle tse di ka go letlang go tsamaya ka pabalesego mo ditepising, mo diforeiming tsa tshipi tse di fa fatshe, jalo le jalo.
◼ Diporema Tsa Bana le Ditulo Tsa Llono: Ga re a tshwanela go tla ka diporema tsa bana le ditulo tsa llono mo holong. Le fa go ntse jalo, ditulo tsa masea tse di ka lekanang mo setulong se se fa thoko ga tsa batsadi di a amogelesega.
◼ Dinkgisamonate: Dikopano di le dintsi tsa kgaolo di tshwarelwa mo mafelong a a tswalegileng a go sa tseneng moya mo go one. Ka jalo, re tla bo re bontsha lorato fa re ka fokotsa dinkgisamonate tse di nang le monko o o bogale tse di ka bakelang batho mathata a go hema le a mangwe a a amanang le gone.—1 Bakor. 10:24.
◼ Diforomo Tsa Tsweetswee Boela (S-43): Re tshwanetse go dirisa diforomo tsa Tsweetswee Boela go kwala tshedimosetso malebana le ope fela yo o bontshang kgatlhego fa re rera re se mo bodireding ka nako ya kopano. Diforomo tse di tladitsweng di ka isiwa kwa Lefapheng la Dibuka kgotsa o ka di naya mokwaledi wa phuthego ya lona fa o boela kwa phuthegong ya lona.
◼ Diresetšhurente: Bontsha gore o tlotla leina la ga Jehofa ka go itshwara sentle kwa diresetšhurenteng. Apara ka tsela e e tshwanelang modiredi wa Mokeresete. Go tlwaelegile gore motho a tlogele madinyana a tebogo a diperesente di le 10 go ya go 15.
◼ Tirelo ya Boithaopo: Ope fela yo o batlang go ithaopa o tshwanetse go ya kwa Lefapheng la Tirelo ya Boithaopo kwa kopanong. Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 16 le bone ba ka nna le seabe se segolo ka go bereka ka fa tlase ga kaelo ya motsadi kgotsa motlhokomedi mongwe yo o godileng yo batsadi ba mo kopileng.