Reetsa Mme o Ithute
1. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go dira maiteko a a oketsegileng go reetsa le go ithuta kwa kopanong ya kgaolo?
1 Go ise go ye kae dikopano tsa kgaolo tsa 2013 di tla bo di simolola. Go setse go dirilwe tiro e ntsi ya go rulaganya thulaganyo e e buang ka dilo tse di re amang gone jaanong mo lefatsheng lotlhe. A o setse o dirile dithulaganyo tsa go nna gone ka malatsi otlhe a mararo a kopano? Go ka nna le dilo tse dintsi tse di itayang tsebe mo dikopanong tse dikgolo, ka jalo, go ka tlhokega gore re dire maiteko a magolo a go reetsa thulaganyo ka tlhoafalo. E re ka thulaganyo e tsaya lobaka lo loleele go feta dipokano tsa phuthego, re tlhoka go tlhoma mogopolo nako e telele. Mo godimo ga moo, go tsaya loeto le mabaka a mangwe, di ka dira gore re lape. Ke eng se se tla re thusang gore re nne re tsogile e le gore re kgone go reetsa le go ithuta?—Dute. 31:12.
2. Re ka baakanya dipelo tsa rona jang re di baakanyetsa thulaganyo ya kopano?
2 Pele ga Kopano e Simolola: Web site ya rona e e ka fa molaong ya www.jw.org, e na le thulaganyo ya dikopano tsa lefatshe lotlhe (dinako tsa thulaganyo ya mo lefelong la lona di fa tlase), e e akaretsang ditlhogo tsa dipuo tsotlhe le temana e le nngwe kgotsa tse pedi tsa setlhogo sengwe le sengwe. Fa re kgona go tsena mo Internet, go sekaseka tshedimosetso eno go tla re thusa go baakanya dipelo tsa rona, re di baakanyetsa se se tla bong se buiwa. (Esera 7:10) Ka nako ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa, a lo ka tlotla ka thulaganyo ya kopano gore botlhe mo lelapeng ba lebelele pele go ya go e utlwa?
3. Ke eng se se tla re thusang go reetsa ka kelotlhoko?
3 Ka Nako ya Thulaganyo: Go ka nna molemo gore re ye kwa ntlwaneng pele ga thulaganyo e simolola. Tima founo ya gago ya selula gore o se ka wa itewa tsebe ke batho ba ba go leletsang le ba ba go kwalelang melaetsa kgotsa wa raelesega go kwalela ba bangwe melaetsa ka nako ya thulaganyo. Fa o tshwanelwa ke go tlogela founo ya gago o sa e tima, e dire gore e se ka ya itaya ba bangwe tsebe ka nako ya fa mongwe a go leletsa. Fa o dirisa tablet ka nako ya thulaganyo, dira gore o se ka wa itaya ba bangwe tsebe. Tila go ja kgotsa go nwa ka nako ya thulaganyo. (Mor. 3:1) Nna o lebile sebui. Fa go balwa temana, e lebe mo Baebeleng ya gago. Kwala dintlha.
4. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba reetse le go ithuta?
4 Gape re batla gore bana ba rona ba reetse le go ithuta. Diane 29:15 ya re: “Mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.” Ka jalo, go molemo gore lelapa le nne mmogo gore batsadi ba tlhomamise gore bana ba bone ba tlhoma mogopolo mo thulaganyong go na le go bua, go kwalelana melaetsa kgotsa go tsamayatsamaya mo lefelong la kopano. Le fa ba sa ntse ba le bannye thata go ka tlhaloganya sengwe le sengwe, bana ba ka rutiwa gore ba se ka ba robala le go nna ka tidimalo.
5. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go boeletsa dintlha tsa thulaganyo, mme re ka dira seno jang?
5 Morago ga Thulaganyo ya Letsatsi Lengwe le Lengwe: Lo se ka lwa robala bosigo thata. Robalang ka nako gore lo kgone go ikhutsa sentle. Go boeletsa se lo se utlwileng go tla lo thusa gore lo se ka lwa lebala. Ka jalo, go tla bo go le molemo go dirisa metsotso e le mmalwa go tlotla lo le lelapa ka dintlha tse lo di utlwileng mo thulaganyong maitseboa mangwe le mangwe. Fa lo ya resetšhurenteng le ditsala, lo ka tsamaya ka dintlha tse lo di kwadileng mme lo tlotle ka ntlha e le nngwe kgotsa tse pedi tse lo ileng lwa di itumelela thata. Fa lo boela gae morago ga kopano, lo ka dirisa nako nngwe ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa lo tlotla ka kafa lo ka dirisang tshedimosetso eo ka teng lo le lelapa. Gape lo ka beela nako kwa thoko beke nngwe le nngwe go sekaseka karolo nngwe ya dikgatiso dipe fela tse di golotsweng.
6. A go nna teng fela kwa kopanong go lekane? Tlhalosa.
6 Mokete ga o na mosola o o kalo fa dijo di sa jewa. Re ka bua se se tshwanang le ka moletlo wa dijo tsa semoya tse re tla di newang kwa kopanong ya kgaolo. E kete re ka solegelwa molemo ke go nna teng mo thulaganyong yotlhe ya kopano, ka go reetsa ka tlhoafalo le go dirisa se re se ithutileng.