Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Afrika Borwa e weditse ngwaga wa tirelo wa 2012 ka tlhora e ntšha ya baboledi ba le 92 321, mo go rayang gore baboledi ba ile ba oketsega ka diperesente di le pedi mo ngwageng o o fetileng wa tirelo. Botswana e ile ya itumelela kopano ya malatsi a le mararo kwa Gaborone. Thulaganyo e ne e tshwaretswe mo diholong tse pedi tse dikgolo ka Seesemane le Setswana. Bakaulengwe ba itumeletse go nna le palo ya batlakopanong ba le 3,948 le barutwa ba basha ba ba ileng ba kolobediwa ba le 62. Go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa mo dinageng tsotlhe tse di okametsweng ke lekala la rona. Re lo kgothaletsa lotlhe go dirisa dintlha tse di lo di ithutileng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Dibela Pelo ya Gago!” mme lo tlame megopolo ya lona lo e tlamela tiro.—1 Pet. 1:13.