Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka September le October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o dira maeto a go boela buelela buka ya Baebele e Ruta Eng kgotsa fa o bona go tshwanela go ya ka se motho a se kgatlhegelang, o ka mo naya boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri. November le December: Tsamaisa pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? kgotsa epe fela e e leng teng mo setokong sa phuthego. Fa motho a bontsha kgatlhego, mmontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng kgotsa boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri.
◼ Puo e e kgethegileng ya phatlalatsa ya paka ya Segopotso sa 2013 e tla neelwa ka beke e e simololang ka April 1. Setlhogo sa puo eo se tla itsisiwe moragonyana. Diphuthego tse di tla bong di na le ketelo ya molebedi wa potologo kgotsa di na le kopano ka mafelobeke ao, di tla nna le puo eo mo bekeng e e latelang. Ga go na phuthego epe e e tshwanetseng go neela puo e e kgethegileng pele ga April 1.
◼ Diphuthego di le tharo di ne tsa itumelela go neelwa ga Diholo tsa Bogosi tsa bone tse disha. Gauteng: Ramokonopi East. North West: Ikageleng. Western Cape: Mfuleni.