Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka June: Totatota Baebele e Ruta Eng? July le August: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? Kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo leng teng mo setokong sa phuthego. September le October: Makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa lo dira maeto a go boela buelelang buka ya Baebele e Ruta Eng kgotsa fa o bona go tshwanela go ya ka se motho a se kgatlhegelang, o ka mo naya boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri.
◼ Go tlile go tlotliwa ka bidio ya Our Whole Association of Brothers mo Pokanong ya Tirelo e e latelang. Fa lo e tlhoka lo tshwanetse go e otara ka phuthego.
◼ Diphuthego tse di nnileng le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang ya 2012 di kopiwa go romela dipego tsa tsone tsa Unassigned Territory Assignment (S-63), maitemogelo a a kgatlhang le dimmapa tsa tshimo kwa ofising ya lekala pele ga July 15, 2012.
◼ Bagolwane le babulatsela ba ba ratang go ithuta Puo ya Diatla ya Afrika Borwa ba tlhokega ka bonako mo mafelong a a latelang: Metse setoropo e e kwa bokone jwa Cape Town le Khayelitsha, George, Port Elizabeth le East London. Mo mafelong mangwe go ka nna molemo fa baithaopi e le batho ba ba buang Sexhosa. Tsweetswee kwalelang Lephata la Tirelo fa e le gore lo ka kgona go ithaopa.