Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka June 25, 2012. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo beke nngwe le nngwe.
1. Re ka ithuta eng mo tseleng e Jeremia a ileng a kgona go tshela ka yone ka dinako tsa mathata? (Jer. 37:21) [May 7, w97 9/15 ts. 3 ser. 4–ts. 4 ser. 1]
2. Ke ka ditsela dife Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba etsang sekao se se molemo sa ga Ebede-meleke? (Jer. 38:8-13) [May 7, su ts. 179 ser. 9]
3. E re ka Jehofa a dirisitse batlhokomedi ba ga Nebukadenesare go sireletsa Jeremia le Baruke, a go tla bo go tshwanela gore Bakeresete ba kope mapodise a a tlhometseng go ba sireletsa gompieno? (Jer. 39:11-14) [May 14, w83 7/15 ts. 31]
4. “Dilo tse dikgolo” tse Baruke a ka tswang a neng a di ipatlela ke dife, mme tsela e a ileng a reetsa le go diragatsa kgakololo ya ga Jehofa ka yone e re thusa jang gore re se ka ra iteega tsebe mme re nne re tlhomile mogopolo? (Jer. 45:5) [May 21, w06 8/15 ts. 18 ser. 1; ts. 19 ser. 6]
5. Fa go tlhalosiwa kotlhao e e tshwanelang e e neng ya newa Edoma, ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a bontsha gore o farologane le “batho ba ba fulang morara” le “magodu”? (Jer. 49:9, 10) [May 28, w77 ts. 442 ser. 7–ts. 443 ser. 1]
6. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Kgosi Sedekia morago ga gore a ‘tsuologele kgosi ya Babelona’? (Jer. 52:3, 7-11) [June 4, w88 9/15 ts. 17 ser. 8; w81 4/1 ts. 13 ser. 3-4; ts. 14 ser. 6]
7. ‘Sebeo sa dinao’ sa ga Jehofa le “loobo” lwa gagwe ke eng? (Dikhu. 2:1, 6) [June 11, w07 6/1 ts. 9 ser. 2]
8. Jeremia o ne a kaya eng fa a ne a re Jehofa o tla mo ‘gakologelwa a bo a obega ka ntlha’ ya gagwe, mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa thata mo go rona? (Dikhu. 3:20) [June 18, w07 6/1 ts. 11 ser. 3]
9. Ke ka ntlha yang fa motho a ka solegelwa molemo ke go ithuta go sikara jokwe ya go boga ka nako ya bosha? (Dikhu. 3:27) [June 18, w07 6/1 ts. 11 ser. 5; w87 2/15 ts. 24 ser. 1]
10. Sekao sa ga Esekiele se ka re thusa jang go bua ka bopelokgale le fa batho ba sa kgatlhegele se re se buang? (Esek. 3:8, 9) [June 25, w08 7/15 ts. 8-9 ser. 6-7]