Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Pego ya kgwedi ya December e bontsha gore baboledi ba ile ba dira ka natla le ka matlhagatlhaga mo bodireding, le eleng ka nako ya matsatsi a boikhutso. Mo Afrika Borwa go ile ga nna le tlhora e ntšha ya 9 303 ya babulatsela ba ka metlha. E nngwe ya dilo tse di tlhomologileng mo go ba le bantsi ke pokano e e kgethegileng e e neng e tshwerwe kwa Soccer City ka di18 December. Batho ba le bantsi ba sa ntse ba bua ka tiragalo eo e e sa lebalesegeng ya botsalano le go opela mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 78 300. Boitshwaro jwa ba ba neng ba le teng e nnile bosupi jo bogolo kwa batlhokomeding ba setediamo le batho ba bangwe ba ba neng ba kopana le rona.