Dirisa Botlhale Fa o Le mo Bodireding
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna botlhale fa re le mo bodireding?
1 “Jaaka dinku mo gare ga diphiri,” batlhanka ba Modimo ba rera “mo kokomaneng e e sokameng le e e kgopameng.” (Math. 10:16; Bafil. 2:15) Dipego tse di boifisang tsa dikhuduego tsa semorafe, go tlhaselwa ke digopa le go tsewa ka dikgoka ke dilo tse di tlwaelegileng, bosupi jwa gore boikepo jwa batho bo tswelela go “sulafalela pele.” (2 Tim. 3:13) Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e ka re thusang gore re ‘itshupe re le botlhajana’ mo bodireding?—Math. 10:16.
2. Ke mo maemong afe a go ka nnang botlhale gore o tswe mo lefelong le o rerang mo go lone o ye go rera kwa go le lengwe?
2 Dira ka Botlhale: Diane 22:3 e bua thata ka botlhale jwa gore ‘re iphitlhele’ masetlapelo. Nna o ntshitse matlho dinameng! Maemo a mo lefelong le le babalesegileng a ka fetoga go sa lebelelwa. O ka bona mapodise a setse a oketsega kgotsa batho ba simolola go tlala mo mmileng. Ka dinako tse dingwe mong wa ntlo yo o lorato a ka go naya tlhagiso. Go na le go diega ka ntlha ya go batla go itse, o tla bo o bontsha botlhale fa o ka tswa foo ka bonako mme o tswelele o le kwa lefelong le lengwe.—Dia. 17:14; Joh. 8:59; 1 Bathes. 4:11.
3. Molaomotheo o o mo go Moreri 4:9 o ka dirisiwa jang mo bodireding?
3 Dirang Mmogo: Moreri 4:9 ya re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe.” Le fa o ka tswa o tlwaetse go dira o le esi mo bodireding go sena matshosetsi, a gone jaanong go babalesegile go dira jalo? Mo mafelong mangwe go ntse jalo. Mme mo go a mangwe, ga go a sireletsega gore kgaitsadi kgotsa mosha a dire bodiredi jwa ntlo le ntlo a le nosi, segolobogolo fa letsatsi le sena go phirima. Maitemogelo a bontsha gore motho yo o tsamayang le ene o botlhokwa go gaisa. (Mor. 4:10, 12) Nna o ntse o lebile gore a maloko a mangwe a setlhopha se o tsamayang le sone a sireletsegile. Itlwaetse go laela batho ba o tsamayang le bone mo tshimong fa o tsamaya.
4. Re ka dira jang ka tsela e e ka sireletsang botlhe mo phuthegong?
4 E re ka bagolwane ba ‘lebeletse meya ya rona,’ ba na le maikarabelo a go ntsha ditaelo tse di ka thusang go ya ka maemo a mo lefelong la bone. (Baheb. 13:17) Re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re segofatsa fa re ntse re bontsha boingotlo jwa Bokeresete le go dirisana ka botlalo le bone. (Mik. 6:8; 1 Bakor. 10:12) E kete batlhanka botlhe ba Modimo ba ka nna le seabe mo go neeleng bosupi jo bo nang le matswela mo tshimong, mme ka metlha ba ntse ba le botlhajana.