Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 30, 2012. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo beke nngwe le nngwe.
1. Ke eng fa buka ya Baebele ya Jeremia e re solegela molemo? [Mar. 5, si ts. 129 ser. 36]
2. Jehofa a ka re golola jang mo pogisong gompieno? (Jer. 1:8) [Mar. 5, w05 12/15 ts. 23 ser. 18]
3. Ke leng e bile ke jang batlodiwa ba neng ba boela mo ‘ditseleng tsa bogologolo’? (Jer. 6:16) [Mar. 12, w05 11/1 ts. 24 ser. 12]
4. Ke eng fa go ka twe go na le “balema mo Gileade” gompieno? (Jer. 8:22) [Mar. 19, w10 6/1 ts. 22 ser. 3–ts. 23 ser. 4]
5. Jehofa o “ikwatlhaya” ka tsela efe fa a sena go ntsha katlholo? (Jer. 18:7, 8) [Apr. 2, jr ts. 151 lebokoso]
6. Jehofa o ne a tsietsa Jeremia jang mme re ka ithuta eng mo kgannyeng eno? (Jer. 20:7) [Apr. 2, jr ts. 36 ser. 8]
7. Baba ba Baiseraele ba ne ba itshepisiwa ka tsela efe? (Jer. 22:6-9) [Apr. 9, it-2-E ts. 1166 ser. 8]
8. Ke eng fa go ne go ka tshwanela gore Jehofa a bolelele batho ba gagwe ba bogologolo a re: ‘ke go gogile ka bopelonomi jwa lorato’? (Jer. 31:3) [Apr. 23, jr ts. 142-145 ser. 8-11]
9. Molao wa Modimo o kwalwa jang mo dipelong? (Jer. 31:33) [Apr. 23, w07 3/15 ts. 11 ser. 2]
10. Mosola wa go dira ditlankana tsa tshupo di le pedi tsa tumalano e le nngwe fela e ne e le ofe? (Jer. 32:10-15) [Apr. 30, w07 3/15 ts. 11 ser. 3]