Dikakantsho Tse Tharo Tse di ka Tokafatsa go Ruta ga Gago
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go batla go tokafatsa go ruta ga rona?
1 Baboledi botlhe ke barutisi. Re ka tswa re dira loeto lwa ntlha lwa go boela, re boela go tsweletsa kgatlhego kgotsa re tshwara thuto ya Baebele, re fetisa tshedimosetso. E bile tshedimosetso e re e rutang e tlhomologile. Re bonesa lesedi mo ‘mekwalong e e boitshepo,’ e e ka ‘tlhalefisang batho gore ba bone poloko.’ (2 Tim. 3:15) Ruri eno ke tshiamelo e kgolo! Dikakantsho tse tharo tse di latelang ke tsa go re thusa go tokafatsa go ruta ga rona.
2. Re ka ruta jang ka tsela e e motlhofo?
2 Tsela e e Motlhofo: Fa re itse kgang e re buang ka yone sentle, go ka nna motlhofo gore re lebale kafa tshedimosetso eo e ka lebegang e raraane ka gone mo mothong yo o sa e itseng. Ka jalo, fa o tshwere thuto ya Baebele, o se ka wa akaretsa dintlha di le dintsi tse di sa tlhokegeng fa o ruta. Go na le moo, tlhomolola dintlha tsa botlhokwa. Go bua thata ga go reye gore motho o kgona go ruta botoka. (Dia. 10:19) Gantsi go botlhokwa gore o bale fela Dikwalo tse di botlhokwa. Morago ga go bala lekwalo, tlhoma mogopolo mo karolong ya lokwalo e e buang ka se go tlotliwang ka sone. Thero ya kwa thabeng e e kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 5 go fitlha ka 7, e na le mafoko a a boteng mme Jesu o ne a ruta ka tsela e e motlhofo e bile a dirisa mafoko a a tlhophilweng sentle.
3. Botlhokwa jwa ditshwantsho ke bofe, mme ke ditshwantsho dife tse gantsi di leng molemo?
3 Ditshwantsho: Ditshwantsho di dira gore motho a akanye, di gwetlha maikutlo e bile di dira gore motho a gakologelwe se se neng se rutiwa. Go dira setshwantsho se se molemo ga go reye gore o tshwanetse wa bo o itse go tlotla kgang. Gantsi Jesu o ne a dirisa ditshwantsho tse di khutshwane tse di sa raraanang. (Mat. 7:3-5; 18:2-4) Ditshwantsho tse di sa raraanang tse di takilweng mo pampitshaneng le tsone di ka thusa fela thata. Fa o itse dintlha di se kae ka kgang e lo tlileng go tlotla ka yone go sa le gale, go baakanyetsa go ka go thusa go akanya ka setshwantsho se se nang le matswela.
4. Re ka dirisa jang dipotso ka tsela e e nang le matswela?
4 Dipotso: Dipotso di dira gore motho yo o ithutang le ene a akanye. Ka jalo, nna pelotelele fa o sena go botsa potso. Fa o ka potlakela go araba potso, ruri o ka se itse gore a motho yo o ithutang le ene o tlhalogantse. Fa a sa araba sentle, go na le go mo naya karabo, go ka nna botoka gore o mo ise kwa karabong ka go mmotsa dipotso tse di oketsegileng. (Mat. 17:24-27) Boammaaruri ke gore ga go ope wa rona yo e leng morutisi yo o tlhwatlhwa. Ka jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re nne re tlhokometse go ruta ga rona. Go dira jalo go tla re leretse melemo ya bosakhutleng mmogo le ba ba re reetsang.—1 Tim. 4:16.