Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo phuthego e nang le jone mo setokong. May: Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Segopotso se tla tshwarwa ka Labone, April 5, 2012. Fa e le gore phuthego ya lona e tshwara dipokano ka Labone, di tshwanetse go tshwarwa ka letsatsi le lengwe mo bekeng fa go sena phuthego e e dirisang Holo ya Bogosi. Fa e le gore seno ga se kgonege mme ga lo kgone go tshwara Pokano ya Tirelo, dipuo tse di leng botlhokwa mo phuthegong ya lona di ka bewa mo Pokanong ya Tirelo e nngwe.
◼ Dibidio tse pedi tsa Young People Ask, How Can I Make Real Friends? le What Will I Do With My Life? di tla sekasekiwa mo Pokanong ya Tirelo e e latelang. Fa lo tlhoka dikhopi tsa dibidio tseno, lo ka di otara ka phuthego ka bonako jo bo kgonegang.
◼ Re itumelela go lo itsise ka Diholo Tsa Bogosi di le robedi tse di neetsweng kwa go Jehofa. Botswana: Ramotswa Central. Eastern Cape: Phakamisa. Gauteng: Klipfontein, Olievenhoutbosch Central, Tembisa West, le Wattville. Limpopo: Bela Bela Central. Mpumalanga: Oshoek. Kwa bokhutlong jwa ngwaga wa tirelo wa 2011 go ile ga neelwa Holo ya Bogosi ya bo1000 mo tshimong ya rona. Baboledi ba Bogosi ba feta 83 000 mmogo le bontsintsi jwa batho ba ba kgatlhegang ba itumelela go dirisa Diholo Tsa Bogosi. Re leboga Jehofa go tswa pelong le baithaopi ba ba ileng ba thusa ka tiro eno e kgolo ya go aga mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng. Go tlhokega Diholo Tsa Bogosi tse di oketsegileng, ka jalo, re kgothaletsa baithaopi botlhe go tswelela ka karolo eno e e molemo ya tirelo e e boitshepo. Gape re anaanela thata meneelo e re e amogetseng kgwedi le kgwedi go tswa mo diphuthegong ya go ema nokeng Letlole la Diholo Tsa Bogosi.