LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/11 ts. 3
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 12/11 ts. 3

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 26, 2011.

1. Kgakololo e e mo go Diane 30:32 e ka re thusa jang gore re tile go nnela go galefisa motho yo re ka tswang re mo kgopisitse? [w87 5/15 ts. 30 ser. 11]

2. Ke “boipelo” jo bo ntseng jang jo bo dirang gore motho a ikutlwe a sa fitlhelela sepe? (Mor. 2:1) [g 4/06 ts. 6 ser. 1-2]

3. Le fa batho bangwe ba swetsa ka gore mafoko a ga Solomone a a kwadilweng mo go Moreri 3:1-9 a tshegetsa tumelo ya gore dilo di laoletswe go sa le gale, mafoko a gagwe a a kwadilweng mo go Moreri 9:11 a tlhalosa dilo sentle jang go bontsha gore sengwe le sengwe mo botshelong ga se a laolelwa go sa le gale? [w09 3/1 ts. 4 ser. 4]

4. Kotsi ya go “siama ka tsela e e feteletseng” ke efe? (Mor. 7:16) [w10 10/15 ts. 9 ser. 8-9]

5. Sefela sa Difela 2:7 e bontsha jang gore batho ba ba akanyetsang go tsena mo lenyalong ba tla bo ba le botlhale gore ba se ka ba potlaka fa ba tlhopha molekane wa lenyalo? [w06 11/15 ts. 19 ser. 1; w80 4/15 ts. 19 ser. 7]

6. Ke eng se se supiwang ke go bo ‘dipounama tsa Moshulame di ne di rotha tswina ya dinotshe ya lomepe’ mme ‘tswina ya dinotshe le mashi di le kafa tlase ga loleme lwa gagwe’? (Sefela 4:11) [w06 11/15 ts. 19 ser. 6]

7. Direto tse di reng, “Mogakolodi yo o Gakgamatsang,” “Modimo Mothata” le “Rara wa Bosakhutleng” di dira jang gore re tlhaloganye dinonofo tsa ga Jesu le tsela e a tla busang ka yone mo lefatsheng le lesha? (Isa. 9:6) [w91 4/15 ts. 5 ser. 7]

8. Ke bomang gompieno ba ba ka tshwantshiwang le “setšhaba sa motlhanogi” sa Iseraele mme ke bomang ba ba tla nnang jaaka “thobane” ya ga Jehofa go se nyeletsa? (Isa. 10:5, 6) [ip-1 ts. 145 ser. 4-5; ts. 153 ser. 20]

9. Ke eng fa polelelopele ya ga Isaia ya gore Babelona “ga a kitla a nniwa” e tlhomologile thata jaana mme go diragadiwa ga yone go re naya tsholofelo efe gompieno? (Isa. 13:19, 20) [g 11/07 ts. 9 ser. 4-5]

10. Jesu o ne a amogela leng “selotlolo sa ntlo ya ga Dafide” mme o ntse a dirisa selotlolo seo jang? (Isa. 22:22) [w09 1/15 ts. 31 ser. 2]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela