Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Ka kgwedi ya June dinaga tsotlhe tse di berekang ka fa tlase ga lekala la Afrika Borwa di nnile le koketsego. Go itumedisa thata go lo bolelela gore palo ya dithuto tsa Baebele e oketsega ka dinako tsotlhe. Botswana e e nang le baboledi ba le 1 976 e ile ya bega dithuto tsa Baebele di le 3 888 le tlhora e ntšha ya babulatsela ba ka metlha ba le 179. Lesotho e e nang le baboledi ba le 3 721 e ile ya bega dithuto tsa Baebele di le 6 254. Namibia e e nang le baboledi ba le 1 835 e ile ya bega dithuto tsa Baebele di le 3 504. Swaziland e e nang le baboledi ba le 2 867 e ile ya bega dithuto tsa Baebele di le 4 156. Mo Afrika Borwa baboledi ba le 91 367 ba ile ba bega dithuto tsa Baebele di le 124 586. Tota le kwa setlhaketlhakeng se sennye sa St. Helena (se se nang le baagi ba ba kwa tlase ga 4 000), baboledi ba le 112 ba ile ba bega dithuto tsa Baebele di le 91.