Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka November: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mo batho ba bontshitseng kgatlhego gone, buelela pampitshana ya setlhogo se se reng, A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? mme o bo o leka go simolola thuto ya Baebele. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Fa go na le bana mo lelapeng go ka nna ga tsamaisiwa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo kgotsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.
◼ Meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe e e romelwang ka tlhamalalo kwa ofising ya lekala e tshwanetse go romelwa go “Watchtower Society.” Aterese ya ofisi ya lekala ya tsa madi ke Watchtower, c/o Accounting Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa.