Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Ka kgwedi ya May diphuthego di ile tsa tsweletsa koketsego e di nnileng le yone ka April, fa baboledi ba ba fetang 30 000 ba ne ba nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang. Go a itumedisa go bega gore Botswana e ile ya fitlhelela tlhora ya dithuto tsa Baebele di le 4 118. Afrika Borwa e ile ya bega tlhora ya babulatsela ba ka metlha ba le 8 753 mme Swaziland e ile ya bega tlhora e ntšha ya maeto a go boela a le 17 329 le ya dithuto tsa Baebele di le 4 779. Gape palo ya batho ba ba nnileng teng kwa Segopotsong ka April e ne e tlhomologile ka ditlhora tse disha tsa batho ba ba nnileng gone mo Afrika Borwa ba le: 216 543; Botswana ba le: 6 208; mme Lesotho ba le: 9 520.