Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka July le August: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo leng teng mo setokong sa phuthego. September: Totatota Baebele e Ruta Eng? October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Mo batho ba bontshitseng kgatlhego gone, buelela pampitshana ya setlhogo se se reng, A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? mme o bo o leka go simolola thuto ya Baebele.
◼ Re itumelela go lo itsise gore diphuthego di le robedi di neetse Diholo tsa tsone tsa Bogosi. Bloemfontein: Turflaagte. KwaZulu-Natal: Avoca Hills, Dumbe, Nongoma North, Nqetho, Zamokuhle le Waterloo. Pretoria: Thorntree View.