Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng? July le August: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo leng gone mo setokong sa phuthego.
◼ Go simolola ka May, diphuthego tsotlhe di tshwanetse go dirisa Matlhatso wa ntlha mo kgweding nngwe le nngwe go tlhoma mogopolo mo go simololeng dithuto tsa Baebele. Motseletsele wa ditlhogo tsa Tora ya Tebelo tsa “Ithute mo Lefokong la Modimo” o diretswe go thusa baboledi go dira seno. Tsebe e e ka fa morago ya kgatiso nngwe le nngwe ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e tla nna le dikai tsa dipuisano tsa kgwedi e e latelang, go akaretsa le kakantsho ya go simolola thuto ya Baebele mo Matlhatsong wa ntlha.
◼ Fa o rerela motho yo o buang Se-China, mmontshe ditsebe tse mo go tsone go tlhagang Chinese (Traditional) (CH) le Chinese (Simplified) (CHS) mo bukaneng ya Nations, gore o tle o itse gore o rata go bala mokwalo ofe. Gantsi batho ba ba tswang kwa Hong Kong le kwa Taiwan ba rata go bala dikgatiso tsa mokwalo o o bidiwang Chinese (Traditional) (CH) mme ba ba tswang kwa China bone gantsi ba rata go bala mokwalo o o bidiwang Chinese (Simplified) (CHS). Le fa go ntse jalo, malebana le dibidio kgotsa dikgatiso tse di rekotilweng, leka go bona gore ke puo efe e mong wa ntlo a e buang le e a e tlhaloganyang botoka. Gantsi batho ba ba tswang kwa China le Taiwan ba tlhaloganya mokwalo wa Chinese (Mandarin) (CHM) mme ba kwa Hong Kong bone ba tlhaloganya mokwalo wa Chinese (Cantonese) (CHC). Tsweetswee romela tshedimosetso e go ka ikgolaganngwang le batho ba ba kgatlhegang bano kwa phuthegong kgotsa kwa setlhopheng se se gaufi sa Se-China kgotsa o e romele kwa ofising ya lekala.
◼ Bagolwane ba gakololwa go bala tsebe ya ntlha ya lekwalo la letlha la May 23, 2010, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane mme ba dire maiteko a a kgethegileng go laletsa baboledi botlhe ba ba tsidifetseng go tla Segopotsong ka April 17.