Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 25, 2011. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya March 7 go ya go April 25, 2011.
1. Ke ka tsela efe batho “ba le bantsi ba ditšhaba tsa lefatshe leo ba [neng] ba ipolela gore ke Bajuda”? (Eseth. 8:17) [w06 3/1 ts. 11 ser. 3]
2. Ke ka ntlha yang fa Satane a ile a letlelelwa go tsena go tla go ema fa pele ga ga Jehofa? (Jobe 1:6; 2:1) [w06 3/15 ts. 13 ser. 6; it-2-E ts. 16 ser. 4]
3. Satane o ne a kaya eng fa a ne a botsa jaana: “A Jobe o boifa Modimo lefela”? (Jobe 1:9) [w94 11/15 ts. 11 ser. 6]
4. Ke eng fa go itse gore Jehofa o “pelo e e botlhale gape o maatla a a nonofileng” go dira gore re mo ikanye? (Jobe 9:4) [w07 5/15 ts. 25 ser. 16; it-2-E ts. 1190 ser. 3]
5. Ke ka tsela efe mafoko a ga Elifase a a reng motho o nwa “tshiamololo fela jaaka metsi” a bontsha go akanya ka tsela ya ga Satane? (Jobe 15:16) [w10 2/15 ts. 20 ser. 1-2]
6. Re ka ithuta eng mo mafokong a ga Jobe a a mo go Jobe 19:2? [w94 10/1 ts. 32 ser. 1-5]
7. Ke eng se se neng sa thusa Jobe gore a nne a bolokile bothokgami jwa gagwe? (Jobe 27:5) [w09 4/15 ts. 6 ser. 17]
8. Re ka etsa Jobe jang fa go na le batho bangwe ba ba tlhokang thuso? (Jobe 29:12, 13) [w02 5/15 ts. 22 ser. 19; w94 9/15 ts. 24 ser. 2]
9. Kgakololo ya ga Elihu e ne e farologane jang le e e neng e neelwa ke ditsala tse dingwe tse tharo tsa ga Jobe? (Jobe 33:1, 6) [w95 2/15 ts. 29 ser. 3]
10. Go tlhatlhanya ka ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa go tshwanetse ga re ama jang? (Jobe 37:14) [w06 3/15 ts. 16 ser. 4]