LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/10 ts. 3
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 10/10 ts. 3

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 25, 2010. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya September 6 go ya go October 25, 2010.

1. Re ka ithuta thuto efe fa re sekaseka botshelo jwa ga Kgosi Asaria (Usia)? (2 Dikg. 15:1-6) [w91 7/15 ts. 29-30]

2. E re ka go bolelwa gore Kgosi Jothame wa kwa Juda o busitse dingwaga di le 16, ke ka ntlha yang fa 2 Dikgosi 15:30 e bolela ka “ngwaga wa bomasome a mabedi” wa go busa ga gagwe? (2 Ditir. 27:7, 8) [it-2-E ts. 119 ser. 5]

3. “Basamarea” ba ba umakilweng mo go 2 Dikgosi 17:29 e ne e le bomang? [it-2-E ts. 847 ser. 7]

4. Ke ka ntlha yang fa go bolelwa gore Jehofa o “bopile” boikaelelo jwa gagwe? (2 Dikg. 19:25) [w99 8/15 ts. 14 ser. 3]

5. 2 Dikgosi 25:8, 25, 26 e tlhalosa jang ka nepo go simologa ga dingwaga di le masome a supa tse Jerusalema e neng e tla nna e swafetse ka tsone? [it-1-E ts. 415 ser. 6–ts. 416 ser. 1-2; ts. 463 ser. 4]

6. Ke ka ntlha yang fa 1 Samuele 16:10, 11 e re Dafide ke morwa wa borobedi wa ga Jese, fa Esera ene a re ke morwa wa bosupa? (1 Ditir. 2:15) [w02 9/15 ts. 31]

7. Re ka etsa jang sekao sa Bagileade ba bogologolo? (1 Ditir. 5:10, 18-22) [w05 w05 10/1 ts. 9 ser. 7]

8. Ke thuto efe e re ka ithutang yone mo balebeding ba dikgoro ba Balefi? (1 Ditir. 9:26, 27) [w05 10/1 ts. 9 ser. 8]

9. Go opela go ne go le botlhokwa go le kana kang kwa Iseraeleng wa bogologolo? (1 Ditir. 9:33) [it-2-E ts. 452 ser. 9]

10. Ke eng se se neng se le phoso ka tsela e Dafide a ileng a itshwara ka yone mo go 1 Ditiragalo 13:11? [w05 10/1 ts. 11]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela