Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka August: O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo leng gone mo setokong sa phuthego. Diphuthego tse di nang le boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? di ka bo tsamaisa. September: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka go simolola dithuto tsa Baebele mo loetong lwa ntlha. October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa o kopana le batho ba ba bontshang kgatlhego, tsamaisa pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? mme o leke go simolola thuto ya Baebele. November: Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
◼ Go simolola ka September, balebedi ba potologo ba tla neela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Dira Gore Matlho a Gago a Fete a sa Bona Se se Se Nang Mosola!”
◼ Bosheng jaana diphuthego di le nnè di ne tsa itumelela go neelwa ga Diholo tsa tsone tsa Bogosi: Brackenfell (Cape Town), Edendale West (gaufi le Pietermaritzburg), Ocean View (Cape Town) le Phahameng (Bloemfontein).
◼ Kopano ya Kgaolo ya Seesemane ya kwa Pietermaritzburg e e neng e rulaganyeditswe go tshwarwa ka October 22-24, 2010, ga e tlhole e le teng. Go tla nna le kopano ya kgaolo e le nngwe fela ya Seesemane kwa KwaZulu-Natal kwa setadiamong sa ABSA kwa Durban ka September 3-5, 2010. Kopano ya kgaolo ya kwa Polokwane ya September 24-26, 2010, jaanong e tla tshwarwa ka dipuo tse pedi e leng Se-Afrikaans le Seesemane.