LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/10 ts. 1
  • Thulaganyo e e Diretsweng Badiredi ba Bakeresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo e e Diretsweng Badiredi ba Bakeresete
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kopano ya Potologo e e Tla re Thusang go Sireletsa Bomoya Jwa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Sireletsa Mogopolo wa Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 8/10 ts. 1

Thulaganyo e e Diretsweng Badiredi ba Bakeresete

1. Ke thulaganyo efe e ntšha e e neng ya simolola ka 1938, mme ka maikaelelo afe?

1 Ka 1938, phuthego ya ga Jehofa e ne ya simolola thulaganyo e ntšha. Ditlhopha tsa diphuthego di ne tsa lalediwa go nna gone kwa dikopanong tse dinnye, tse gone jaanong di bidiwang dikopano tsa potologo. Ka maikaelelo afe? Kgatiso ya Informant (e jaanong e bidiwang Tirelo ya Rona ya Bogosi) ya January 1939 e ne ya araba jaana: “Dikopano tseno ke karolo ya Thulaganyo ya Puso ya Modimo ya go tsweletsa tirelo ya Bogosi pele. Ditaelo tse re di neelwang kwa go tsone di botlhokwa thata gore mongwe le mongwe wa rona a dire tiro e re e abetsweng sentle.” Fa re akanya ka koketsego ya baboledi ba Bogosi, go tloga mo go ba le 58 000 fela ka 1938 go ya go ba ba fetang 7 000- 000 ka 2009, ke boammaaruri gore dikopano tsa potologo di fitlhelela maikaelelo a tsone a go thusa badiredi go “dira tiro e ba e abetsweng”!

2. Ke tshedimosetso efe e re tla e neelwang kwa kopanong ya rona ya potologo mo ngwageng o mosha wa tirelo?

2 Setlhogo sa Ngwaga o o Tlang: Re lebile pele mo thulaganyong e e tla simololang ka September le kgothatso e re tla e neelwang. Setlhogo sa yone se se tserweng mo go Johane 15:19 sa re: “Ga lo Karolo ya Lefatshe.” Dingwe tsa dipuo tse go se nang pelaelo gore di tla solegela badiredi ba Bakeresete molemo ke dife? Ka Matlhatso re tla utlwa puo ya setlhogo se se reng “Tirelo ya Nako e e Tletseng E a Re Sireletsa—Jang?” Re tla itumelela gape dipuo tsa neeletsano tsa dikarolo tse tharo tse di reng “O se Ka wa Leswafadiwa ke . . . ” “Sebatana sa Naga,” “Seaka se Segolo” le “Bagwebi ba ba Tsamayang.” Ka Sontaga re tla utlwa dipuo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng “Rata Jehofa e Seng Lefatshe.” Dipuo tse dingwe di akaretsa tse di reng, “Tswelelang lo le ‘Baagi ba Baeng le Baagi ba Nakwana’” le “Nnang Pelokgale! Lo ka Kgona go Fenya Lefatshe.”

3. Ke melemo efe e re ka nnang le yone ka go nna gone kwa kopanong ya potologo?

3 Morago ga go nna teng kwa kopanong ya potologo ya bosheng, kgaitsadi mongwe yo o neng a sa tlhole a nna teng ka metlha mo bodireding, o ne a bolela gore thulaganyo ya kopano ya potologo e ne ya mo thusa gore a sekaseke maemo a gagwe bosha le gore a ikemisetse go “ya bodireding le go tlogela go dira diipato!” Ga go pelaelo gore kopano ya potologo ya ngwaga o mosha wa tirelo e tla re thusa rotlhe go rata Jehofa, go na le go rata lefatshe. (1 Joh. 2:15-17) Tlhomamisa gore o nna teng le go reetsa ka kelotlhoko gore o solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo eno e e diretsweng badiredi ba Bakeresete ka lorato!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela