Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo December 1
“Mo nakong eno ya ngwaga, ba le bantsi ba rulaganya tiragalo ya Botsalo jwa ga Jesu go tshwantshetsa pego eno ya Baebele. [Bala Mathaio 2:1, 11.] A o ile wa ela tlhoko gore pharologanyo ke efe fa gare ga se Baebele e bolelang gore se diragetse le se gantsi se tshwantshiwang? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se sekaseka se tota se diragetseng.” Buelela setlhogo se se mo tsebe 31.
Tsogang! December
“Nka rata go utlwa gore o ikutlwa jang ka sengwe se Jesu a se buileng. [Bala Mathaio 5:3.] E re ka go na le madumedi a mantsi jaana a a farologaneng, a o akanya gore go a kgathalesega gore re tlhopha go kgotsofatsa jang keletso ya rona ya dilo tsa semoya? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se bontsha se Baebele e se bolelang malebana le kafa re ka bonang kgotsofalo ya mmatota ya semoya.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebe 12.
Tora ya Tebelo January 1
“Go na le dipono tse di ganetsanang malebana le kafa dino tagi di ka dirisiwang ka teng. O akanya gore Modimo o ikutlwa jang fa motho a nwa bojalwa? [Mo letle gore a arabe.] Le fa gone Baebele e bega gore ka lekgetlo lengwe Jesu o ne a fetola metsi go nna beine ka tsela ya kgakgamatso, e bolela gape seno. [Bala Diane 23:20a.] Makasine ono o bontsha tsela e e tekatekano e Baebele e tlhalosang seno ka yone.”
Tsogang! January
“Mo metlheng eno e e boima, batho ba le bantsi ba ikutlwa ba bereka ka tsela e e feteletseng e bile ba ngomogile pelo. A o kile wa ikutlwa jalo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kgakololo eno e e utlwalang. [Bala Moreri 4:6.] Makasine ono o tlhalosa kafa re ka dirang gore go nne le tekatekano ka teng fa gare ga tiro, lelapa le boitapoloso. Mme gape o naya batho ba ba batlang tiro dikakantsho.”