Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Fa go na le bana, go ka nna ga tsamaisiwa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Atamalana le Jehofa kgotsa Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Segopotso sa ngwaga wa 2011 se tla nna ka Sontaga, April 17, fa letsatsi le sena go phirima. Kitsiso eno e ntshiwa e sa le gale gore bakaulengwe ba tle ba dire dithulaganyo tsa go batla mafelo kgotsa go dira ditumalano tsa diholo tse di leng teng fa go na le diphuthego di le mmalwa tse di tla dirisang Holo ya Bogosi mme go tlhokega gore go batliwe mafelo a mangwe.
◼ Dipampitshana tsa taletso tsa Segopotso sa 2010 tsa puo e e dirisiwang mo phuthegong nngwe le nngwe di tla tloga di romelwa. Fa e le gore go na le dipuo tse dingwe tse di dirisiwang mo tshimong ya lona mme lo rata go nna le dipampitshana tsa taletso ka dipuo tseo, di tshwanetse go otariwa ka bonako go dirisiwa foromo ya Literature Request (S-14). Go na le lenaane la dipuo tse dipampitshana tsa taletso ya Segopotso di tlhagang ka tsone mo lekwalong la dibuka tse di fetotsweng la November 1, 2009.
◼ Go ile ga neelwa Diholo tsa Bogosi di le nnè mo dikgweding tsa bosheng. Re itumela le diphuthego tsa kwa Kwamusi (Mpumalanga), Ndevana le Peelton (kgaolo ya King William’s Town), le Tsumeb (Namibia) fa di ntse di dirisa Diholo tsa Bogosi tsa bone tse disha go obamela Jehofa.
◼ Go simolola ka September 2010 dikopano tsotlhe tsa kgaolo tse di tlhokomelwang ke lekala la Afrika Borwa di tla tshwarwa ka September le October. Matlha le mafelo a di tla tshwarelwang kwa go one a tla itsisiwe fa a setse a tlhomamisitswe. December e tla dirisediwa go tshwara dikopano tsa potologo le tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe. Letsholo la tshimo e e sa abiwang la 2010 le tla nna ka March, April, le May 2011.