Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka November: Totatota Baebele e Ruta Eng? December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Fa go na le bana, go ka nna ga tsamaisiwa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Atamalana le Jehofa kgotsa Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.
◼ Diphuthego di le 24 tse di latelang di ile tsa itumelela go neelwa ga Diholo tsa bone tsa Bogosi mo dikgweding tsa bosheng: Annie Ville le Cloneen (Dannhauser), Bhongweni (Kokstad), Bilanyoni (Paulpietersburg), Dicks le Blaauwbosch (Newcastle), Imfume (Umkomaas), Magadla (kgaolo ya Matatiele), Maluti le Tsitas’ (Eastern Cape), Matatiele, Mbekweni (Paarl), Motsethabong Central (Welkom), Mthambothini (Dennilton), Naturena le Cosmo City Central (Johannesburg), Nhlophenkulu le Toggekry (kgaolo ya Nongoma), Paulpietersburg, Shayamoya (Estcourt), Steynsdorp (Elukwatini), Sibongile (Dundee), Tidimalo (Delportshoop), le Uitval (Ladysmith). Diphuthego tseno di leboga thata moithaopi mongwe le mongwe yo o neng a thusa mo porojekeng ya go agiwa ga diholo tsa bone.