Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 26, 2009.
1. E re ka Jehofa a ne a bolelela Balaame gore a tsamaye le banna ba ga Balake, ke ka ntlha yang fa bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Balaame fa a ne a tsamaya le bone? (Dipa. 22:20-22) [w04-TN 8/1 ts. 27 ser. 2]
2. ‘Go sa letle gotlhelele gore Jehofa a pataganngwe le ope’ ga ga Finease go re thusa jang gore re bontshe boineelo jwa rona mo Modimong? (Dipa. 25:11) [w95-TN 3/1 ts. 16 ser. 13]
3. Ke ka ntlha yang fa Joshua a ile a tlhophiwa go tlhatlhama Moshe? (Dipa. 27:15-19) [w02-TN 12/1 ts. 12 ser. 1]
4. Dipalo 31:27 e ka gomotsa jang Bakeresete gompieno? [w05-TN 3/15 ts. 24]
5. Metse ya botshabelo e ne e solegela Baiseraele molemo ka ditsela dife? (Dipa. 35:11, 12) [w95-TN 11/15 ts. 14 ser. 17]
6. Ke ka ntlha yang fa temogo e le nonofo e e botlhokwa ya Bokeresete mme e tlisa diphelelo dife? (Dute. 1:13) [w03-TN 1/15 ts. 30; w00-TN 10/1 ts. 32 dir. 1-3]
7. Molao wa ga Moshe o ne o bontsha tshiamo ya Modimo ka ditsela dife? (Dute. 4:8) [w02-TN 6/1 ts. 14 ser. 8–ts. 15 dir. 9-10]
8. Tlhalosa tsela e e siameng le e e sa siamang ya go leka Jehofa go ya ka Duteronome 6:16-18. [w04-TN 9/15 ts. 27 ser. 1]
9. Jehofa o ne a kgotsofatsa jang ditlhoko tsa Baiseraele ka mafoko a gagwe mme mafoko ao a ka re nonotsha jang gompieno? (Dute. 8:3) [w99-TN 8/15 ts. 25-26]
10. Duteronome 12:16, 24 e ama jang tsela e re lebang kalafi e go dirisiwang madi a rona mo go yone? [w00-TN 10/15 ts. 30 ser. 7]