LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/09 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 9/09 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo September 1

“Batho ba le bantsi ba akanya gore pego ya Genesise e e buang ka Adame le Efa ke tlhamane. Ba bangwe ba dumela gore Adame le Efa e ne e le batho ba mmatota. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko gore Jesu o ne a bua jang ka bone. [Bala Mareko 10:6-9.] Setlhogo seno se sekaseka bosupi jwa gone e bile se tlhalosa lebaka la go bo go le botlhokwa gore re dumela eng.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 12.

Tsogang! September

Bala 1 Johane 4:8. Go tswa foo o bo o bolela jaana: “Bangwe ba dumela gore Modimo o tlhokofatsa batho ba ba boikepo go ya go ile mo molelong wa dihele. Ba bangwe ba akanya gore kgopolo e e ntseng jalo e ganetsana le se re sa tswang go se bala. Wena o akanya eng? [Mo letle gore a arabe.] Setlhogo seno se bontsha se Baebele e se rutang ka kgang eno.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.

Tora ya Tebelo October 1

“Rotlhe re lebana le dikgwetlho mo botshelong. [Tlhalosa dingwe tse di tlwaelegileng mo tshimong ya lona.] A o akanya gore Modimo a ka kgona go re thusa mo go tsone? [Mo letle gore a arabe.] Mo temaneng eno Jesu o tlhalosa tsela e le nngwe e Modimo a re thusang ka yone. [Bala Luke 11:13.] Makasine ono o tlhalosa gore moya o o boitshepo ke eng le gore o ka re solegela molemo jang.”

Tsogang! October

“Ga go na pelaelo gore mathata a tla tlhaga mo lelapeng lengwe le lengwe. O akanya gore malapa a ka bona kae kgakololo e e ka ikanngwang le e e dirang? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Pesalema 32:8.] Kgatiso e e kgethegileng eno ya Tsogang! e tlhalosa melaometheo e e kgethegileng e fa e dirisiwa e ka thusang malapa.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela