Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka September: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka go simolola dithuto tsa Baebele mo loetong lwa ntlha. Bontsha kafa beng ba matlo ba ka solegelwang molemo ka teng ka go ba bontsha kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng. October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa motho a bontsha kgatlhego, buelela le go tlotla ka pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? Fa beng ba matlo ba setse ba na le pampitshana eno, leka go simolola thuto ya Baebele. November: Totatota Baebele e Ruta Eng? December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Fa go na le bana, go ka nna ga tsamaisiwa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo.
◼ Puo ya phatlalatsa e e kgethegileng e e tla neelwang ka paka ya Segopotso sa 2010 e tla neelwa ka beke ya April 12, 2010. Setlhogo sa puo eo se tla itsisiwe moragonyana. Diphuthego tse di tla bong di na le ketelo ya molebedi wa potologo kgotsa kopano ka mafelobeke ao di tla nna le puo ya tsone e e kgethegileng ka beke e e latelang. Go se ka ga nna le phuthego epe e e nnang le puo e e kgethegileng pele ga April 12.