Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka August 31, 2009. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya July 6 go ya go August 31, 2009.
1. Ke ka ntlha yang fa mongwe yo o neng a ‘hutsa’ batsadi ba gagwe a ne a tshwanelwa ke go bolawa? (Lefi. 20:9) [w04-TN 5/15 ts. 24 ser. 6]
2. E re ka banna botlhe ba Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna gone kwa Moletlong wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang, ke mang yo o neng a roba mabutswapele a setlhabelo sa barele? (Lefi. 23:5, 11) [w07-TN 7/15 ts. 26 ser. 3]
3. Ke eng se se tshwantshediwang ke ngwaga wa Jubile? (Lefi. 25:10, 11) [w04-TN 7/15 ts. 26-27]
4. A ‘matshwao’ a a umakilweng mo go Dipalo 2:2 a ne a na le bokao bope jwa bodumedi mo Baiseraeleng? [w02-TN 9/15 ts. 21 ser. 4]
5. Bareri ba nako e e tletseng ba Bogosi ba bontsha moya ofe o o tshwanang le wa Banasirite ba kwa Iseraele wa bogologolo? (Dipa. 6:3, 5, 6) [w04-TN 8/1 ts. 24-25]
6. Ke molaomotheo ofe wa molao wa Balefi wa go tlogela tiro, o o ka dirang mo bathong ba ga Jehofa gompieno? (Dipa. 8:25, 26) [w04-TN 8/1 ts. 25 ser. 1]
7. Baiseraele ba ne ba bontsha jang “tlhologelelo ya bopelotshetlha” mme Bakeresete ba ka ithuta eng mo go seno gompieno? (Dipa. 11:4) [w01-TN 6/15 ts. 14-15; w95-TN 3/1 ts. 15 ser. 10]
8. Ke ka ntlha yang fa e le Miriame fela yo o neng a itewa ka lepero mme re ka ithuta thuto efe ya botlhokwa mo go seno? (Dipa. 12:9-11) [w04-TN 8/1 ts. 26 ser. 2; it-2 ts. 415 ser. 1]
9. Joshua le Kalebe ba ne ba kaya eng fa ba ne ba re baagi ba Kanana ke “senkgwe”? (Dipa. 14:9) [w06-TN 10/1 ts. 16 ser. 5; it-1 ts. 363-364]
10. Ke sekai sefe sa tlhagiso se se leng mo go Dipalo 21:5? [w99-TN 8/15 ts. 26-27]