Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Meya Ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa?—A Totatota E A Tshela?, O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!, le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng A o E Bone? September: Totatota Baebele e Ruta Eng? October: Makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! November: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Go tla tlotliwa ka ditlhogo tse di mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, tse di reng “A o Ipaakanyeditse Moletlo wa Semoya?” le “Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo” mo Pokanong ya Tirelo ka kgwedi ya October. Le fa go ntse jalo, kwa Namibia le kwa Botswana kwa dikopano tsa bone di tla tshwarwang pelenyana, diphuthego di tshwanetse go rulaganya gore go nne le motlotlo wa ditlhogo tseno wa metsotso e le 25 bobotlana dibeke di le tharo pele ba ya kopanong ya bone.
◼ Dithulaganyo tsa dipokano di ka fetolwa gore bakaulengwe ba kgone go ya Kopanong ya Kgaolo ya “Nnang lo Disitse!” Mo Pokanong ya bofelo ya Tirelo pele ga lo ya kopanong ya kgaolo, go tshwanetse ga nna le motlotlo wa dikgakololo tse di ka dirisiwang mo phuthegong ya lona. Kgwedi kgotsa di le pedi morago ga kopano, go ka dirisiwa nako ya puo ya dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko go boeletsa dintlha tsa kopano tse baboledi ba boneng di ka thusa mo bodireding.