Kopano ya Potologo e e Tla re Thusang go Sireletsa Bomoya Jwa Rona
1. Ke thulaganyo efe e e tswang kwa go Jehofa e e tla re thusang gore re diragatse thomo ya rona ya go anamisa dikgang tse di molemo?
1 Jehofa ka bopelotshweu o re naya tshedimosetso, thapiso le kgothatso e re e tlhokang gore re dire tiro e a re e abetseng ya go anamisa dikgang tse di molemo. (Math. 24:14; 2 Tim. 4:17) Kopano ya rona ya potologo ya ngwaga le ngwaga ke nngwe ya dilo tseo. Thulaganyo e ntšha ya ngwaga wa tirelo wa 2010 e tla bo e na le setlhogo se se reng “Sireletsa Bomoya Jwa Gago,” se se theilweng mo go Baroma 8:5 le Jude 17-19. Go rulagantswe gore thulaganyo eno ya kopano e simolole ka beke ya August 31, 2009.
2. (a) Kopano ya potologo e tla re solegela molemo ka ditsela dife? (b) Dikopano tsa potologo tse di fetileng di go thusitse jang mo bodireding?
2 Kafa re Tla Solegelwang Molemo ka Teng: Thulaganyo eo e tla re tsibosa ka dikotsi tse di jaaka dilo tse di ka re itayang tsebe tse di ka nnang tsa re jela nako mme di bo di dira gore re itlhokomolose dilo tse di botlhokwa thata. Re tla ithuta kafa re ka lwantshang ka gone moya wa go amogela sengwe le sengwe mme re tla bona gore go kaya eng go nna motho yo o ratang dilo tsa semoya. Dipuo tsa neeletsano tsa Sontaga di tla bontsha se mongwe le mongwe le malapa ba ka se dirang go nonotsha bomoya jwa bone fa ba ntse ba lebane le dikgatelelo le diteko tse di masisi tsa tumelo ya bone. Thulaganyo eno e tla re thusa go sireletsa dipelo tsa rona, go boloka bomoya jwa rona bo le mo seemong se se siameng le go nna re gakologetswe sentle masego a magolo a a letetseng batho ba ba sireletsang bomoya jwa bone.
3. Kopano ya lona ya potologo e e latelang e tla nna leng mme o tshwanetse wa ikaelela go dira eng?
3 Fa o sena go itse gore kopano ya lona e e latelang ya potologo e tla nna leng le gore e tla tshwarelwa kae, dira dithulaganyo tsa gore o nne gone le gore o reetse ka kelotlhoko dikarolo tsotlhe tsa kopano ka malatsi oomabedi. Tlhomamisega gore, Jehofa o segofatsa diatla tsa yo o tlhoafetseng.—Dia. 21:5.
4. Ke eng se re ka tlhomamisegang gore re tla se amogela kwa kopanong ya rona ya potologo e e latelang?
4 Ee ruri, Jehofa ke Monei wa mpho e e molemo eno. Thulaganyo eno e e baakanyeditsweng ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo e tla bo e le sone se re se tlhokang gore re tswelele pele re le badiredi ba Bakeresete. Re leboga Jehofa ka ntlha ya dilo tsotlhe tse a re nayang tsone ka lorato tse di re thusang gore ‘re ngangatlele go bolela tsholofelo ya rona kwantle ga go reketla.’—Baheb. 10:23-25; Jak. 1:17.