LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/09 ts. 4
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 6/09 ts. 4

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka June: Totatota Baebele e Ruta Eng? July le August: Epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Meya Ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa?—A Totatota E A Tshela?, O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!, le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng A o E Bone? September: Totatota Baebele e Ruta Eng?

◼ Re itumelela go lo itsise ka go neelwa ga Diholo tsa Bogosi tse dingwe gape tse 11. Diphuthego tse di latelang di itumeletse go nna le mafelo ano a kobamelo mo kgaolong ya tsone: Mayville (kwa Durban), Kutloanong South le Kutloanong Central (kwa Odendaalsrus), Moloto (Bokone jwa Pretoria), Kwambonambi le Imbabe (kwa KwaZulu-Natal), Nkombose le Nkolokotho (Gaufi le Mtubatuba), Esikhawini North le Nseleni East (kwa Empangeni), le Thembalethu (kwa George).

◼ Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane o tshwanetse go rulaganya gore ka June 1 kgotsa ka bonako ka mo go ka kgonegang morago ga foo, go tlhatlhobiwe diakhaonto tsa phuthego tsa dikgwedi tsa March, April, le May. Morago ga foo go tshwanetse ga bewa khopi ya Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30) mo lomating lwa dikitsiso. Diphuthego Tsa mo Afrika Borwa: Mokwaledi o tshwanetse go romela ditlankana tsa dikgwedi tsotlhe tse tharo (S-26, S-30, dirasiti, dirasiti tsa ditshenyegelo le seteitemente sa banka sa kgwedi nngwe le nngwe) kwa lekaleng, di kwadilwe sentle gore di ya kwa Accounting Office—PBO Registration.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela