LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/09 ts. 2
  • Ipaakanyetse Sentle go Ruta

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ipaakanyetse Sentle go Ruta
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Kolobediwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Ama Pelo ya Motho yo o Ithutang Bibela le Ene
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Tshwara Thuto ya Bibela ya Legae
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 6/09 ts. 2

Ipaakanyetse Sentle go Ruta

1. Fa re tshwara thuto ya Baebele, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go direng gore moithuti a nne le kanaanelo?

1 Fa re tshwere thuto ya Baebele, re tshwanetse ra bo re baakanyeditse sentle gore re tlhotlheletse moithuti go direla Jehofa. Matsapa a rona e ka se ka ya nna a bophiri fa re thusa moithuti gore a anaanele boammaaruri jwa Baebele. Mme seno se tla mo tlhotlheletsa. (Dute. 6:5; Dia. 4:23; 1 Bakor. 9:26) Mme gone, re ka dira seno jang?

2. Thapelo e ka re thusa jang go baakanyetsa thuto sentle?

2 Rapela fa o Baakanyetsa: E re ka Jehofa e le ene a dirang gore peo ya boammaaruri e mele mo pelong ya moithuti, go a tshwanela gore re simolole go baakanyetsa thuto ka go rapelela moithuti ka tlhamalalo le dilo tse a di tlhokang. (1 Bakor. 3:6; Jak. 1:5) Le rona thapelo e e ntseng jalo e ka re thusa go bona gore re ka thusa jang go tlatsa pelo ya gagwe ka “kitso ya boammaaruri” ya thato ya ga Jehofa.—Bakol. 1:9, 10.

3. Re ka baakanyetsa jang re akantse ka moithuti?

3 Akanya ka Moithuti: Jesu o ne a itse gore thuto e e nang le matswela e akaretsa go akanya ka bareetsi. Bobotlana mo makgetlhong a le mabedi, Jesu o ne a bodiwa potso eno e e tshwanang: “Ke tla rua botshelo jo bosakhutleng ka go dira eng?” Lekgetlho lengwe le lengwe fa a araba, o ne a dirisa tsela e e farologaneng. (Luke 10:25-28; 18:18-20) Re tshwanetse go akanya ka moithuti fa re baakanyetsa. Ke ditemana dife tse di umakilweng tse re tla di balang le ene? Re tla leka go bala tshedimosetso e e kana kang? Ke dintlha dife mo thutong eno tse go ka nnang thata gore moithuti a di tlhaloganye kgotsa a di amogele? Fa re ka akanyetsa dipotso dingwe tse moithuti a ka di botsang, re ka ipaakanyetsa botoka gore re di arabe ka tsela e e tla mo solegelang molemo.

4. Go baakanyetsa sentle go akaretsa eng?

4 Boeletsa se lo Tla se Balang: Go sa kgathalesege gore re badile tshedimosetso eo ga kae mo nakong e e fetileng, e tla bo e le lekgetlho la ntlha re e bala le moithuti yono. Fa re batla go fitlhelela pelo ya gagwe, go botlhokwa gore re baakanyetse thuto nngwe le nngwe sentle. Seno se raya gore re dire se re kgothaletsang motho yo re ithutang le ene gore a se dire. Boeletsa tshedimosetso e lo tla e balang, go akaretsa le ditemana tse di umakilweng, o akantse ka moithuti mme gongwe o bo o thalela dintlha tsa konokono.—Bar. 2:21, 22.

5. Re ka etsa Jehofa jang?

5 Jehofa o kgatlhegela thata kgatelopele ya moithuti mongwe le mongwe wa Baebele. (2 Pet. 3:9) Fa re ipha nako ya go baakanyetsa thuto nngwe le nngwe ya Baebele, le rona re tla bo re bontsha gore re amega ka tsela e e lorato jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela