LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/09 ts. 1
  • Ruta ka Tsela E e Sa Raraanang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta ka Tsela E e Sa Raraanang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikakantsho Tse Tharo Tse di ka Tokafatsa go Ruta ga Gago
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Etsa Morutisi yo Mogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • ‘Lo Tshwanetse Lwa Bo ne ne Fano Lo Le Barutisi’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Ba Bangwe ba Tlhaloganya Se o Se Buang
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 5/09 ts. 1

Ruta ka Tsela E e Sa Raraanang

1. Ke ntlha efe ya botlhokwa e e tlhokegang mo go ruteng ka tsela e e utlwalang le e e nang le matswela?

1 Go ruta ka tsela e e sa raraanang ke selo sa botlhokwa thata mo go ruteng ka tsela e e nang le matswela. Go sekaseka tsela e Morutisi yo Mogolo e bong Jesu a neng a ruta ka yone, go ka re thusa go tokafatsa ‘botswerere jwa rona jwa go ruta.’—2 Tim. 4:2; Joh. 13:13.

2. Go tlhokega eng gore re rute ka tsela e e sa raraanang, mme go ruta jalo go na le diphelelo dife?

2 Bua ka Tsela E e Sa Raraanang: Thero ya kwa Thabeng e na le boammaaruri jo bo boteng go gaisa jotlhe jo bo kileng jwa buiwa, mme bo tlhalositswe ka tsela e e sa raraanang. (Math., kgao. 5-7) Boidiidi jo bo neng bo reeditse Jesu bo ne jwa “tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” Badiredi ba ba neng ba romilwe go mo tshwara ba ne ba tlhotlheletsega go bolela jaana: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” (Math. 7:28, 29; Joh. 7:46) Ga re tlhoke go dirisa mafoko a go leng thata go a tlhaloganya, le dipolelwana tse di raraaneng kgotsa ditshwantsho tse di nang le tshedimosetso e ntsi go dira gore boammaaruri bo ame batho. Re ka tlhalosa boammaaruri ka go dirisa mafoko a a tlwaelegileng.

3. Ke ka ntlha yang fa ka dinako dingwe bangwe ba na le go imetsa bareetsi ba bone ka tshedimosetso, mme seno se ka tilwa jang?

3 Lekanyetsa Tshedimosetso: Jesu o ne a akanyetsa bareetsi ba gagwe gore a bone gore ke tshedimosetso e e kana kang e a tshwanetseng go e ba bolelela. (Joh. 16:12) Re tshwanetse go nna kelotlhoko le go fetofetoga le maemo mo ntlheng eno, bogolo jang fa re rerela ba masika, batho ba ba sa tswang go kgatlhega kgotsa bana. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra ba imetsa ka tshedimosetso e ntsi, tota le fa go bonala ba reeditse ka tlhoafalo. Ba ba dipelo di ikanyegang ba tla tswelela go tsenya kitso ka Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa.—Joh. 17:3; 1 Bakor. 3:6.

4. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa konokono go na le go tlhalosa mo gontsi?

4 Tlhoma Mogopolo mo Dintlheng Tsa Konokono: Jesu o ne a sa tlatse dithuto tsa gagwe ka dintlha tse dintsintsi. Fa a ne a re: “Botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo . . . ba tla tswa,” e ne e se nako ya gore a tlhalose lolololo gore ba ba tsositsweng ba tla ya kae. (Joh. 5:28, 29) Fa re tshwara dithuto tsa Baebele, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa konokono, mme re tile mokgwa wa go tsenya dintlha tse di seyong mo motlotlong.

5. Ke masego afe a re tla nnang le one fa re ruta ka tsela e e sa raraanang?

5 A bo re itumela jang ne go bo Jehofa a re rutile ka tsela e e sa raraanang dilo tsotlhe tse re tlhokang go di itse! (Math. 11:25) A re iketleetseng go ruta ka tsela e e sa raraanang mme re itumelele bodiredi jo bo nang le matswela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela