Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 27, 2009. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya March 2 go ya go April 27, 2009.
1. Josefa o ne a lebana jang le thaelo e a neng a nna le yone letsatsi le letsatsi? (Gen. 39:7-12) [lv-TN ts. 105 ser. 18–ts. 106 ser. 20]
2. Ke tshedimosetso efe e e leng teng mo Baebeleng malebana le go keteka malatsi a botsalo? (Gen. 40:20-22) [lv-TN ts. 150 ser. 9–ts. 151 ser. 11]
3. Josefa ke sekao se se molemo jang mo go rona malebana le go itshwarela batho ba ba re leofetseng? (Gen. 45:4, 5) [w99-TN 1/1 ts. 31 dir. 2-3]
4. Mafoko a ga Josefa a a reng: “Lo ntshe marapo a me mono,” a ne a nna le ditlamorago dife? (Gen. 50:25) [w07-TN 6/1 ts. 28 ser. 10]
5. Ke eng se se ka re thusang gore re itshepe fa re amogela kabelo e e thata? (Eke. 4:10, 13) [w04-TN 3/15 ts. 25 ser. 4]
6. Go ne ga nna le ditlamorago dife ka ntlha ya tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Faro ka yone mme ditiragalo tseo di tshwanetse go re ama jang? (Eke. 9:13-16) [w05-TN 5/15 ts. 21 ser. 8]
7. Ekesodo 14:30, 31 e na le bokao bofe mo motlheng wa rona? [w04-TN 3/15 ts. 26 ser. 5]
8. Jaaka re ka bona mo go Ekesodo 16:1-3, ke dikotsi dife tse di leng teng ka ntlha ya go ngongorega? [w93-TN 3/15 ts. 20 ser. 2–ts. 21 ser. 2]
9. Go ya ka ditekanyetso tsa Kgolagano ya Molao tse di tlhalosiwang mo go Ekesodo 19:5, 6, go ne go ka twe Iseraele e ne e le ‘bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo’ go ya bokgakaleng bofe? [w95-TN 7/1 ts. 16 ser. 8]
10. Molao wa bolesome o o malebana le bopelotshetlha o gaisa jang melao e e tlhomilweng ke batho? (Eke. 20:17) [w06-TN 6/15 ts. 23-24 ser. 16]