Letsholo le le Kgethegileng la go Itsise ka Segopotso!
1. Baboledi ba Bogosi ba tla nna le seabe mo go eng lefatshe ka bophara go simolola ka March 21, 2009, mme ka ntlha yang?
1 Ka Labone April 9, 2009, baobamedi ba ga Jehofa Modimo mo lefatsheng lotlhe ba tla kopana go gopola lorato lo logolo lo a lo bontshitseng batho. (Bar. 5:6-8) Re lebeletse ka tlhoafalo go bona dimilione tsa batho ba ba kgatlhegang go tla go gopola le rona loso lwa ga Jesu. Go tla bo go anamisiwa taletso e e kgethegileng ya Segopotso lefatshe ka bophara go simolola ka March 21.
2. Ke dintlha dife tse o tshwanetseng go nna o di gakologelwa fa o neela batho pampitshana eno ya taletso?
2 Dintlha Tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa: Dirisa ka botlalo ditshwantsho, dipotso, le ditemana tse di umakilweng mo pampitshaneng ya taletso. Ka sekai, o ka nna wa bontsha motho setshwantsho se se kafa ntle ga pampitshana mme o bo o re: “Ke rata go go laletsa gore o tle go gopola le rona loso lwa ga Jesu, lo lo tla gopolwang ka Labone April 9, 2009.” Morago ga foo mmontshe setlhogo sa taletso le dipotso tse di leng mo go yone. Tlhomamisa gore o gatelela gore mong wa ntlo a ka nna a laletsa ba lelapa la gagwe kgotsa mongwe le mongwe fela yo a ka batlang go tla le ene.
3. O ka dira jang gore o boele kwa bathong ba o ba fileng dipampitshana tsa taletso fa letsholo le simolola?
3 Fa e le gore phuthego ya lona e na le tshimo e kgolo, bagolwane ba ka nna ba lo laela go tlogela ditaletso mo magaeng a go se nang ope mo go one. Ka mafelobeke, aba dimakasine mmogo le ditaletso. Ipeele mokgele wa gore o laletse batho ba o dirang maeto a go boela kwa go bone, batho ba o ithutang Baebele le bone, ba losika, ba o tsenang sekolo le bone, ba o berekang le bone, baagelani ba gago le batho ba bangwe ba o ba itseng. Mo ngwageng o o fetileng kgaitsadi mongwe o ne a laletsa ba masika a gagwe ba le 30 mme gangwe le gape o ne a ba gakolola botlhokwa jwa go nna teng mo tiragalong eno. O ile a itumela tota fa ba le 25 ba bone ba nna gone kwa segopotsong mme moragonyana ba le banè ba bone ba ne ba amogela thuto ya Baebele!
4. Ke dithulaganyo dife tse re tshwanetseng go di dira gone jaanong, mme ka ntlha yang?
4 Rulaganya Gone Jaanong: Baboledi ba le bantsi ba ka kgona go oketsa tirelo ya bone mo dikgweding tsa March le April. Fa o na le bana kgotsa baithuti ba Baebele ba ba gatelang pele sentle, eno e ka nna yone nako e e tshwanetseng gore ba nne baboledi ba ba sa kolobediwang. Eno ke nako ya gore o simolole go dira dithulaganyo tsa go nna le seabe ka botlalo mo letsholong leno la go laletsa batho go tla go gopola ditsela tse pedi tse dikgolo tse re bontshitsweng lorato ka tsone.—Joh. 3:16; 15:13.