Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo January 1
“A o akanya gore Modimo o a tshwenyega ka go senngwa ga tikologo? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Tshenolo 11:18.] Setlhogo seno se re naya mabaka a Dikwalo a go bo re ka nna le tsholofelo ka isagwe ya lefatshe.” Buelela setlhogo se se mo tsebeng ya 18.
Tsogang! January
“Batho ba le bantsi fa ba lebane le mathata, ba akanya gore ba otlhaiwa ke Modimo. A o kile wa ikutlwa jalo? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Jakobe 1:13.] Setlhogo seno se tlhalosa motswedi wa mmatota wa mathata a rona le gore ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore mathata a rona a tla tloga a fela.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 28.
Tora ya Tebelo February 1
“A o akanya gore madumedi otlhe a amogelwa ke Modimo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa Jesu a neng a bontsha gore o a amega, jaaka go tlhalositswe fano. [Bala Mathaio 15:8, 9.] Setlhogo seno se tlhalosa gore a Modimo o amogela mefuta yotlhe ya kobamelo.” Buelela setlhogo se se mo tsebeng ya 9.
Tsogang! February
“Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se bontsha gore le ne le diretswe gore go tshelwe mo go lone. A o akanya gore seno se itiragaletse fela, kgotsa a o dumela gore go bontsha gore le bopilwe ke Mmopi? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba le bantsi ba dumalana le temana eno ya Baebele. [Bala Pesalema 104:24.] Makasine ono o sekaseka bosupi jwa saense le jwa Dikwalo jwa gore go na le Mmopi.”