LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/08 ts. 3-7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 8/08 ts. 3-7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Modimo o Batla Gore re Direng?, Nnang lo Disitse!, O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!, Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? September: Totatota Baebele e Ruta Eng? October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! November: Totatota Baebele e Ruta Eng?

◼ Bagolwane ba gakololwa gore ba latele ditaelo tse di mo tsebeng ya 21-23 tsa makasine wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1991 malebana le go etela batho ba ba kgaotsweng kgotsa ba ba itomolotseng ba ba ka tswang ba batla go boela mo phuthegong.

◼ Tsweetswee elang tlhoko gore go ka se nne le dithulaganyo tsa gore batho ba etele Bethele ka nako ya go balwa ga dibuka go simolola ka August 25 go ya go September 2, 2008.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara 2009 Calendar of Jehovah’s Witnesses le 2009 Yearbook of Jehovah’s Witnesses mo kopong ya tsone ya dibuka e e latelang. Dilwana tseno di ka se romelwe. Tseno ke dilwana tsa otara e e kgethegileng mme di tshwanetse go otariwa fela fa go na le batho bangwe ba ba di otarileng. Go fitlha dilwana tseno di nna gone di tla tlhaga di kwadilwe “Ga di Ise di Romelwe” mo lenaaneng la dilwana tse di romelelwang diphuthego. Go tshwanetse ga dirwa kitsiso mo phuthegong pele ga otara ya dibuka ya dilwana tseno e romelwa. Baboledi ga ba a tshwanela go diega go kwadisa diotara tsa bone kwa khaontareng ya dibuka mme mookamedi wa dibuka o tshwanetse go romela otara ya dibuka kwa ofising ya lekala ka bonako. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go tlhomamisa gore diotara tseno di romelwa ka bonako. Go tlhokega gore dilo di rulaganngwe sentle, ga go kitla go dirwa dithulaganyo tse di kgethegileng tsa gore dibuka di romelwe ka bonako kgotsa di tle go tsewa mo Bethele. Molebedi wa tirelo o tshwanetse go tlhomamisa gore phuthego e otara fela palo e di tla e dirisang.

◼ Diphuthego ga di tlhoke go otara bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe ya 2009 e re ka di tla romelelwa diphuthego go ya ka dipuo le palo e di amogelang Tirelo ya Rona ya Bogosi ka tsone. Le fa go ntse jalo, fa diphuthego di tlhoka dibukana tse dingwe kgotsa tsa dipuo tse dingwe, tsweetswee romelang otara. Lo tshwanetse go kwala ka tsela e e bonalang sentle mo foromong ya Literature Request Form (S-14) gore: “Eno ke otara e nngwe mo go e re e romeletsweng.”

◼ Ga go tlhokege gore lo otare dibetšhe tsa kopano ya kgaolo tsa 2008 e re ka di tla romelelwa diphuthego pele ga dikopano. Fa lo se na go amogela dibetšhe tseno, mookamedi wa dibuka wa phuthego e e okametseng o tshwanetse go tlhomamisa gore phuthego nngwe le nngwe e amogela setoko se e se romeletsweng. Fa go tlhokega dibetšhe tse di oketsegileng, kwalang mo foromong ya Literature Request Form (S-14) gore “Eno ke otara e nngwe mo go e re e romeletsweng.” Re ka se amogele diotara tse di rometsweng ka motsotso wa bofelo. Dikarata tsa dibetšhe di tla nna gone ka Se-Afrikaans, Seesemane, Sefora, Sepotokisi, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu. Tsweetswee lebang Lebokoso la Dipotso mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2001 malebana le gore ke mang yo o tshwanetseng go amogela karata ya betšhe.

◼ Dikhabara tsa dibetšhe di ka otariwa go ya kafa di tlhokegang ka gone ka jalo di ka se ka tsa romelwa. Fa baboledi ba di batla di tshwanetse go kopiwa ka phuthego e e okamelang go sa ntse go na le nako pele ga kopano. Ga go ne go amogelwa dikopo tse di dirilweng ka motsotso wa bofelo, ka jalo go botlhokwa gore go rulaganngwe sentle.

◼ Go tla tlotliwa ka ditlhogo tse di mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, tse di reng “Motlha Wa go Ja Dijo Tsa Semoya le go Itumela” le “Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo” mo Pokanong ya Tirelo ka kgwedi ya October. Le fa go ntse jalo, kwa Namibia le kwa Botswana kwa dikopano tsa bone di tla tshwarwang pelenyana, diphuthego di tshwanetse go rulaganya gore go nne le motlotlo wa ditlhogo tseno wa metsotso e le 25 bobotlana dibeke di le tharo pele ba ya kopanong ya bone.

◼ Dikopano tsa potologo tsa puo ya diatla di tla tshwarwa kwa Holong ya Kopano ya Bellville ka September 27, 28 le kwa Holong ya Kopano ya Eikenhof ka August 22, 23, 2009. Dikopano tse di kgethegileng tsa letsatsi le le lengwe tsa puo ya diatla di tla tshwarwa kwa Holong ya Kopano ya George ka April 11, 2009, le kwa Holong ya Kopano ya Eikenhof ka April 26, 2009.

◼ Dipampitshana Tsa Taletso (sf) tse di se nang aterese jaanong di gone ka Puo ya Diatla ya mo Afrika Borwa. Tsweetswee ela tlhoko gore diforomo tseno di tshwanetse go dirisiwa fela ke diphuthego tsa puo ya diatla le diphuthego tse di nang le ditlhopha tsa puo ya diatla. Fa go ka direga gore baboledi ba kopane le motho yo o sa utlweng mo ditsebeng mo tshimong ya bone, ba tshwanetse go tlatsa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) mme ba bo ba e romela kwa phuthegong e e gaufi e e dirisang puo ya diatla.

◼ Bolumo ya The Watchtower ya 2008 e tla gatisiwa lekgetlho la ntlha ka Se-Afrikaans, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu. Diphuthego di ka simolola go kopa bolumo eno ka dipuo tseno fela. Go fitlha dibolumo tseno di nna gone le go romelwa, di tla tlhaga di kwadilwe “Ga di Ise di Romelwe” mo lenaaneng la dilwana tse di romelelwang diphuthego. Dibolumo tseno ke dilwana tsa otara e e kgethegileng.

◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone:

Alebamo ya The Watchtower Announcing Jehovah’s Kingdom—2008 (e e lolea) (dvcw08)—Puo ya Diatla ya Amerika

◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone ka Dipuo Tse Dintsi

Warning Examples for Our Day and Respect Jehovah’s Authority (dvwra)—Searabia, Se-Dutch, Seesemane, Se-Madagascar, Sepotokisi (sa kwa Brazil), Sepotokisi (sa kwa Yuropa), Se-Spain (Mo DVD e le nngwe)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela