Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka August 25, 2008. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya July 7 go ya go August 25, 2008.
BOKGONI JWA GO BUA
1. Re ka bontsha jang tekatekano fa re bolelela batho ba bangwe boammaaruri? (Bafil. 4:5) [be-TN ts. 251 ser. 3]
2. Sekai sa ga Paulo sa fa a ne a bua le Bagerika kwa Areopago se re thusa jang fa re rerela batho ba ba sa dumeleng mo Baebeleng? (Dit. 17:22, 23) [be-TN ts. 252 dir. 1-2]
3. Le fa re ka tswa re tlhomamisegile gore se motho a se buang ga se boammaaruri, re ka bontsha jang go nna tekatekano fa re bua le ene? [be-TN ts. 253 dir. 1-2]
4. Fa re leka go bua le batho ka tsela e e tlhatswang pelo ke eng se re tshwanetseng ra nna re se gakologetswe? [be-TN ts. 255 ser. 3, lebokoso]
5. Re ka dirisa temogo jang fa re leka go fitlhelela dipelo tsa batho ba re buang le bone? (Dia. 20:5) [be-TN ts. 258 dir. 1-5]
PUO NO. 1
6. Ke eng se bokgaitsadi ba tshwanetseng go se gakologelwa fa ba dira seting? [be-TN ts. 44 dir. 5-6]
7. Ke eng se bakaulengwe ba tshwanetseng go se fitlhelela fa ba neela dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele? (Neh. 8:8) [be-TN ts. 47 dir. 2-3]
8. Mokaulengwe o tshwanetse go baakanyetsa jang kabelo ya Pokano ya Tirelo e e tlhokang gore a dire pontsho kgotsa potsolotso? [be-TN ts. 49 ser. 5]
9. Buka ya Ditiro e bontsha jang mokgwa le bokgakala jo re tshwanetseng go neela bosupi ka jone? (Dit. 20:20, 21; 28:23) [si-TN ts. 204 ser. 35]
10. Sebui sa phatlalatsa se ka dira eng go tlhomamisa gore puo ya gagwe e theilwe mo Baebeleng? (Dit. 17:2, 3) [be-TN ts. 52 ser.6–ts. 53 ser. 2]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Ke ka ntlha yang fa modisa wa kgolegelo wa Mofilipi a ne a batla “go ipolaya”? (Dit. 16:25-27) [w90-TN 5/15 ts. 25, lebokoso]
12. Arisetareko le Gaio ba ne ba itshwara jang fa ba bogisiwa? (Dit. 19:29; 20:4, 5) [w08-TN 2/15 ts. 10 dir. 16-17]
13. Go ne go kaya eng fa go ne go twe Saulo o ne a “ragakaka ditlhabo”? (Dit. 26:14) [w03-TN 10/1 ts. 32]
14. ‘Boleo bo ne jwa amogela tlhotlheletso ka taelo’ ya Modimo e a neng a e naya Baiseraele jang? (Bar. 7:8, 11) [w08-TN 6/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Baroma”]
15. Re “koelela magala a a tukang” jang mo tlhogong ya mmaba? (Bar. 12:20) [w08-TN 6/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Baroma”]