Go Baakanyetsa—Tsela ya go Nna le Maeto a go Boela a a Nang le Matswela
1. Bodiredi jwa bogologolo jwa Bokeresete bo ne bo tla tshwanela go anamisiwa ka tsela efe?
1 Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe ka botlalo gore e nne bareri ba ba nang le matswela ba “dikgang tse di molemo tsa bogosi.” (Math. 4:23; 9:35) O ne a ba thapisa fa ba ne ba rera kwa kgaolong ya Palesetina. Le fa go ntse jalo, pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a itsise gore bodiredi jono jwa Bokeresete bo ne bo tla anama, e le gore go ‘dirwe batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.’—Math. 28:19, 20.
2. Go ikobela taelo ya ga Jesu ya go ‘dira barutwa’ go akaretsa eng?
2 Tiro eo e ne e tla akaretsa go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego mo dikgannyeng tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go ba ruta go ela tlhoko dilo tsotlhe tse Jesu a di ba laetseng. Gore re dire maeto a go boela a a ntseng jalo a a nang le matswela, re tlhoka go baakanyetsa sentle.
3. Tota le mo lekgetlhong la ntlha, o ka dira jang gore o kgone go dira loeto lwa go boela?
3 Rulaganya Go sa Le Gale: Baboledi bangwe ba botsa potso kwa bofelong jwa loeto lwa bone lwa ntlha mme ba bo ba solofetsa gore ba tla boa gore ba tle go tlotla ka karabo ya potso eo. Ba fitlhetse gore go dirisa tshedimosetso e e mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng fa ba dira loeto lwa go boela go ba thusitse gore ba simolole thuto ya Baebele ka tlhamalalo.
4. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go diega go dira maeto a go boela go fitlha re nna le dimakasine tse disha?
4 Le fa re na le dimakasine di le pedi tse di tswang mo kgweding ga go reye gore re tshwanetse go leta go fitlhela re amogela dikgatiso tsa kgwedi e e latelang pele re dira maeto a go boela. Re ka kgona go tsosa kgatlhego ya motho ka go tlotla ka tshedimosetso e e leng mo dimakasineng tse a setseng a na le tsone.
5. Go nna o akantse ka se o ikaeletseng go se fitlhelela fa o dira loeto lwa go boela go ka go thusa jang?
5 Nna le Maikaelelo: Pele o boela, iphe metsotso e le mmalwa go tlhatlhoba tshedimosetso e o e kwadileng mme o bone gore ke eng se o batlang go se fitlhelela. Ka sekai, go tlotla ka ntlha e e mo kgatisong e o e tlogetseng mo nakong e e fetileng. Kgotsa o batla go tlogela kgatiso e nngwe e e buang ka se lo buileng ka sone mo nakong e e fetileng. Fa e le gore o ne o boditse potso mo nakong e e fetileng, ga go na pelaelo gore maikaelelo a gago e tla nna go araba potso eo. Fa o buelela temana e e gatelelang ntlha e o batlang go e tlhalosa, leka go bala temana ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng.
6. Mokgele wa rona fa re dira maeto a go boela ke ofe?
6 Mokgele wa Rona: Gone ke boammaaruri gore mokgele wa rona ke go simolola thuto ya Baebele. Mokaulengwe mongwe o ne a kopa monna yo a neng a boetse kwa go ene gore a ithute Baebele le ene mme o ne a gana. Mokaulengwe yoo o ne a boa gape ka dimakasine tsa bosheng mme a re: “Fa re sa ntse re le fano, re araba batho potso e le nngwe ya Baebele gompieno.” Morago ga go utlwa dikakgelo tsa monna yoo, mokaulengwe o ne a bala temana le serapa se se tshwanelang mo kgatisong e e neng e dirisiwa go tshwara dithuto tsa Baebele. Seno se ne sa felela ka thuto ya ka metlha ya Baebele.
7. Go baakanyetsa sentle go go thusitse jang gore o kgone go simolola thuto ya Baebele?
7 Go ipha nako ya go baakanyetsa maeto a go boela ga se matsapa a bophiri fela. Boitumelo jwa rona bo tla oketsega mme re ka nna le tshiamelo ya go thusa mongwe yo o nang le “tshekamelo e e siameng” go bona botshelo.—Dit. 13:48.