Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Modimo o Batla Gore re Direng?, Nnang lo Disitse!, O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!, Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? September: Totatota Baebele e Rutang Eng? October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
◼ Go simolola ka September, balebedi ba ba etang ba tla neela puo ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng “Tsamaya ka Tsela ya Boikanyegi.”
◼ Go balwa ga ngwaga le ngwaga ga dibuka tsotlhe le dimakasine tse di leng teng go tshwanetse ga dirwa ka August 31, 2008 kana gaufi ka mo go ka kgonegang ka teng le letlha leo. Go balwa gono ga dibuka go tshwana le mo go dirwang ke mookamedi wa dibuka kgwedi nngwe le nngwe, mme palogotlhe ya tsone e tshwanetse go kwalwa mo foromong ya Literature Inventory (S-18). Tsweetswee tlhomamisang gore pele ga lo bala dibuka, baboledi ba ba otarileng dilwana tse di kgethegileng ba a di newa. Palogotlhe ya dimakasine tse di leng teng, e ka bonwa mo motlhankeng wa dimakasine. Mokwaledi wa phuthego e e okamelang o tshwanetse go okamela go balwa gono ga dibuka. Ene mmogo le molebeledi yo o okamelang wa phuthego e e okamelang ba tla saena foromo eno. Phuthego nngwe le nngwe e e okametseng e tla amogela diforomo di le tharo tsa Literature Inventory fa e romelwa dibuka ka July/August. Tsweetswee lo romelele ofisi ya lekala foromo e e seng ya khabone pele ga September 6. Ipolokeleng khopi ya khabone mo difaeleng tsa lona. Lo ka nna lwa dirisa khopi ya boraro go balela mo go yone. Tsweetswee lebelelang lokwalo lwa January 7, 2008 pele lo ka tswelela go bala dibuka.
◼ Re tla romelela phuthego nngwe le nngwe diforomo tsa ngwaga le ngwaga tsa ngwaga wa tirelo wa 2009 di le mo dienfelopong tse dikgolo ka phuthego e e okametseng. E re ka maina a diphuthego tse di kafa tlase ga phuthego e e okametseng a sa kwalwe kafa ntle ga enfelopo. Mookamedi wa dibuka o tshwanetse go leba lenaane la go paka dilwana ka kelotlhoko mme a tlhomamise gore diphuthego tsotlhe tse di kafa tlase ga phuthego e e okametseng di romelelwa diforomo tseo ka bonako.
◼ Diphuthego di tshwanetse go kopa diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo ya 2009 fa di romela kopo ya tsone ya dibuka. Dilo tse di latelang ga di a tshwanela go kopiwa ka gonne di romelwa mmogo le diforomo tse phuthego e di newang ngwaga le ngwaga: Congregation Report (S-1), Report Card Envelopes (rce), Foromo ya go Romela Meneelo (S-20), Literature Request Form (S-14), Pego ya go Tlhatlhoba Diakhaonto Tsa Phuthego (S-25), Pampiri ya Diakhaonto (S-26), le Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30). Tsweetswee dirisetsang diforomo tsotlhe boikaelelo jwa tsone fela.
◼ Buka ya Baebele e Ruta Eng e tshwanetse go dirisiwa go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele go na le go dirisa boroutšhara jwa Re Direng. Boroutšhara jono bo ka nna jwa tsamaisiwa mo tshimong go fitlhela bo fela mo setokong.
◼ Fa e sa le ka January 2008, dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di leng teng ka Seesemane le Se-Spain di tsentswe mo atereseng ya Internet ya www.jw.org. Ba le bantsi ba rata go tsaya tshedimosetso ya dimakasine e e nnang teng go tswa mo Internet, pele ga di-CD kgotsa di-CD ka MP3 di goroga mo diphuthegong. Nako nngwe le nngwe fa o tsaya tshedimosetso go tswa mo Internet, go na le madi a mokgatlho o a duelang. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono ga o je madi a mantsi go tshwana le go dira didisiki le go di romela. Ka jalo, baboledi ba ba tsayang dimakasine tse di leng mo Internet ba rotloediwa gore ba kope motlhanka wa dibuka gore a phimole diotara tsa bone tsa di-CD kgotsa di-CD ka MP3. Thulaganyo eno ya go tsaya dimakasine mo Internet e tla nna teng le ka dipuo tse dingwe ka monokela mo atereseng ya Internet ya www.jw.org.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
Watch Tower Publications Index 2007 (dx07)—Puo ya Diatla ya Amerika
◼ Di-Compact Disc Tse Disha ka MP3 Tse di Gone:
Live With Jehovah’s Day in Mind (mpjd)—Seesemane