Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Apr. 1
“E re ka dikuno tsa lefatshe leno di senngwa, a o kile wa ipotsa gore a lefatshe leno le tla falola tshenyo eo? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko tsholofetso eno e e gomotsang. [Bala Pesalema 104:5.] Setlhogo seno se bontsha se Baebele e se buang ka isagwe ya lefatshe.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.
Tsogang! Apr.
“Batho ba le bantsi ga ba kgone go ipha nako ya go obamela Modimo ka ntlha ya dilo tse dintsi tse re tshwanelwang ke go di dira. A go ntse jalo le ka wena? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Baefeso 5:15-17.] Setlhogo seno se tlhalosa sentle gore Modimo o batla re dirisa nako le maatla a a kana kang go mo direla.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 20.
Tora ya Tebelo May 1
“Batho ba le bantsi ba re ba dumela fela dilo tse ba kgonang go di bona. A o dumalana le bone? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Baroma 1:20.] Makasine ono o tlhalosa dinonofo tse tharo tsa Modimo tse re kgonang go di bona sentle mo popong mme o bontsha gore go itse dinonofo tseno go ka re ama jang.”
Tsogang! May
“Batho ba le bantsi gompieno ba boifa isagwe. A o akanya gore dilo di tla nna botoka, kgotsa di tla senyegela pele? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Tshenolo 21:3, 4.] Makasine ono o tlhalosa gore ke eng fa re ka solofela gore Modimo o tla tloga a baakanya mathata a batho ba paletsweng ke go a rarabolola.”