LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/08 ts. 4
  • Motlha wa Go ja Dijo Tsa Semoya Le go Itumela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlha wa Go ja Dijo Tsa Semoya Le go Itumela
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 8/08 ts. 4

Motlha wa Go ja Dijo Tsa Semoya Le go Itumela

1. Jehofa o tlhokomela jang batlhanka ba gagwe ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang?

1 Jehofa ka lorato o tlhokomela batlhanka ba gagwe ka dilo tsa semoya tse ba di tlhokang. Le fa lefatshe le bolaiwa ke tlala ya semoya, rona re fepiwa sentle semoyeng. (Isa. 65:13) Tsela e nngwe e Jehofa a re fepang ka yone mo semoyeng ke ka dikopano tsa rona tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga. A o ipaakanyetsa go nna teng mo thulaganyong yotlhe ya Kopano ya Kgaolo e e tlang ya “Go Kaelwa ke Moya wa Modimo”? Re rulaganyeditswe moletlo wa dijo tsa semoya tse di nonotshang le tse di monate.

2. Go rulaganyetsa kopano go sa le gale go akaretsa eng?

2 Rulaganya Go sa Le Gale: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” (Dia. 21:5) Ka jalo, fa o dira dithulaganyo tsa go nna gone malatsi otlhe a le mararo a kopano, o se ka wa senya nako go bua le mothapi wa gago fa e le gore o tlhoka go tsaya malatsi a boikhutso kwa tirong. Fa e le gore o tla tlhoka marobalo, a o setse o a rulagantse? Gape o ka rata go baakanya dijo tsa gago tsa motshegare gore o kgone go ja le bakaulengwe ba gago kwa lefelong la kopano. Dira dithulaganyo gore o fitlhe kwa kopanong go sa le gale gore o kgone go bona lefelo la bonno le gore o kopanele mo pineng e e bulang le mo thapelong.

3. Re tshwanetse go rulaganya go apara diaparo tse di ntseng jang?

3 Re batla go tlhomamisa gore diaparo tse re tla di aparang di bori e bile di rulagantswe sentle. (1 Tim. 2:9, 10) Dikopano tsa kgaolo di re naya tshono e e molemo ya go neela bosupi mo tikologong. Ka go apara ka tsela e e tlotlegang fa re le kwa toropong ya kopano le ka go tsenya dibetšhe tsa rona tsa kopano re farologana le batho ba ba sa dumeleng e bile re kgatlha ba ba re lebileng.

4. Ke eng se se tla thusang rona le ba malapa a rona gore re solegelwe molemo ke thulaganyo?

4 Reetsa ka Tlhoafalo: Tota ga re batle go latlhegelwa le ke thathana epe ya dijo tse di tla bong di abiwa kwa moletlong wa semoya! (Dia. 22:17, 18) Go latela mo Dibaebeleng tsa rona fa go balwa ditemana le go kwala dintlha tse dikhutshwane go tla re thusa gore re tlhome mogopolo mo thulaganyong le gore re se ka ra iteega tsebe fa thulaganyo e ntse e tsweletse. Mme, maitseboa re ka dirisa dintlha tse re di kwadileng go tlotla le ba bangwe ka dintlhakgolo tsa thulaganyo. Mo dingwageng tsa bosheng, go tlhokometswe gore basha ba nna mmogo kwa dikopanong mme ba bo ba tlotla fa thulaganyo e ntse e tsweletse kgotsa ba romelelana melaetsa ka difouno tsa bone tsa selula. Fa re na le bana, go akaretsa le ba dingwaga tsa bolesome, go ka nna molemo fa re nna mmogo go reetsa thulaganyo re le lelapa go na le gore re ba letle gore ba nne kwa thoko le basha ba bangwe.

5. Re ka oketsa jang boitumelo jwa rona kwa kopanong?

5 Itumelele Bokaulengwe: Dijo di monate thata fa o di ja le ditsala tsa gago. (Dia. 15:17) Ka tsela e e tshwanang, botsalano le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona bo dira gore re itumelele kopano le go feta. Ka jalo, fa thulaganyo e eme, a bo go itumedisa jang go kopana le batlakopanong ba bangwe mme re bo re itumelela bokaulengwe! (Pes. 133:1) Fa modulasetulo a re kopa gore re nne mo mannong a rona pele mmino o simolola, re tshwanetse ra kgaotsa motlotlo wa rona mme re bo re nna fa fatshe pele thulaganyo e simolola.

6. Anela maitemogelo a gago a a bontshang gore re ka neela bosupi jang mo bathong ba ba nnang mo toropong ya kopano.

6 Nna o Ntshitse Matlho go Neela Bosupi: Gantsi dikopano tsa kgaolo di re naya ditshono tse di molemo tsa go neela bosupi. Batho ba bantsi ba ba tlileng kopanong ba ba yang kwa diresetšhurenteng morago ga thulaganyo ba bodiwa ke batho ba ba dirang koo ka setlhogo sa kopano se se leng mo dibetšheng tsa bone. Seno se ile sa dira gore go nne le metlotlo le go neelwa ga bosupi jwa boammaaruri. Ba bangwe ba ba neng ba botsa ba ne ba lalediwa go nna teng mo thulaganyong ya kopano mme ba ya.

7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna gone kwa kopanong ya kgaolo e e tlang?

7 Go tserwe diura di le dintsi go baakanyediwa thulaganyo, go rulaganngwa mafelo a kopano e tla tshwarelwang mo go one, go rulagangwa maphata a a ikarabelelang kopano le go baakanyetsa dipuo. Tiro eno e e supang lorato ya go baakanya moletlo wa dijo tsa semoya e bontsha kafa Jehofa a tlhokomelang batho ba gagwe ka lorato ka teng. A rotlhe re nneng gone mme re ipelele go ja sa mpa phatloga! Fa re ntse re dira jalo, go farologana le lefatshe, re tla “goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo.”—Isa. 65:14.

[Box on page 4]

Dikgakololo Tsa Kopano ya Kgaolo

◼ Dinako Tsa Thulaganyo: Mo malatsing otlhe a mararo thulaganyo e tla simolola ka 9:00 a.m. Fa mmino o simolola rotlhe re tshwanetse go nna fa fatshe gore thulaganyo e tle e simolole ka mokgwa o o nang le seriti. Thulaganyo e tla konela ka 4:15 p.m ka Labotlhano le Matlhatso mme ka Sontaga e tla konela ka 3:20 p.m.

◼ Mafelo a go Phaka Dikoloi: Mo mafelong otlhe a kopano a mo go one re tla bong re neilwe tetla ya go laola lefelo la teng la go phaka dikoloi, dikoloi di tla phaka mo go lone kwantle ga tuelo mme ba ba tlang go sa le gale ke bone ba ba tla kgonang go phaka mo go lone. Re tla letlwa go phaka mo lefelong leno fa re tsentse dibetšhe tsa rona tsa kopano.

◼ Marobalo: Diforomo tsa Room Request di gone fa baboledi ba ba tlhokang go kopa marobalo ba di batla. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go sekaseka gore a baboledi ba a tshwanelega, e dirisa dikaelo tse di mo foromong eno le tse di mo lekwalong la July 15, 2008, le le kwaletsweng ditlhopha tsotlhe tsa bagolwane. Thulaganyo eno e diretswe baboledi ba ba nang le boemo jo bo siameng mo phuthegong le bana ba bone ba ba maitseo.

◼ Go Boloka Manno: O ka bolokela fela batho ba o tsamayang le bone ka koloi manno kgotsa ba o nnang le bone mo ntlong e le nngwe.

◼ Dijo Tsa Motshegare: Tsweetswee itleleng ka dijo go na le go tswa mo lefelong la kopano go ya go di reka ka nako ya boikhutso. Lo ka nna lwa dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya ka fa tlase ga setulo. Dikhulara tse dikgolo tse di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa mo lefelong le batlhokomedi ba lo kaelang gore lo di beye gone. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo lefelong la kopano.

◼ Meneelo: Re ka bontsha gore re anaanela go baakanyediwa ga kopano ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe meneelo ka go rata kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa kopanong. Fa e le gore o ka rata go ntsha moneelo ka tšheke, tsweetswee tlhomamisa gore leina la akhaonto ke mang mo Komiting ya Kopano.

◼ Dikotsi le Maemo a Tshoganyetso: Fa go tlhaga maemo mangwe a tshoganyetso a gore mongwe a lwale thata mo lefelong la kopano, tsweetswee bolelela motlhokomedi mongwe yo o fa gaufi, mme ene o tla bolelela Lephata la Thuso ya Potlako ka bonako gore badiri ba rona ba ba tshwanelegang ba ba dirang mo lephateng leo ba sekaseke boemo go bona gore bo masisi go le kana kang le go thusa kafa go tlhokegang ka gone.

◼ Diporema Tsa Bana le Ditulo Tse di Dirisiwang mo Tlhageng: Diporema le ditulo tse di dirisiwang mo tlhageng ga di a tshwanela go tsenngwa mo holong. Le fa go ntse jalo, ditulo tsa masea tse di ka lekanang mo setulong se se fa thoko ga tsa batsadi di a amogelesega.

◼ Dinkgisamonate: Dikopano dingwe tsa kgaolo di tshwarelwa mo mafelong a a tswalegileng a go sa tseneng moya mo go one. Ka jalo, re tla bo re bontsha bopelonomi fa re ka fokotsa go dirisa dinkgisamonate tse di nang le monko o o bogale tse di ka tsosetsang batho mathata a go hema.—1 Bakor. 10:24.

◼ Diforomo Tsa go Boela Gape: Re tshwanetse go dirisa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) go kwala tshedimosetso malebana le ope fela yo o bontshang kgatlhego fa re rera re se mo bodireding ka nako ya kopano. Baboledi ba tshwanetse go tla ka foromo eno e le nngwe kgotsa di le pedi kwa kopanong. Diforomo tseno di tla bo di le gone le kwa Lephateng le Dibuka kwa kopanong. Diforomo tse di tladitsweng di ka isiwa kwa Lephateng la Dibuka kgotsa o ka di naya mokwaledi wa phuthego ya lona fa o boela kwa phuthegong ya lona.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2005, ts. 5.

◼ Diresetšhurente: Bontsha gore o tlotla leina la Jehofa ka go itshwara sentle kwa diresetšhurenteng. Go tlwaelegile gore mo mafelong a le mantsi motho a tlogele madinyana a tebogo a diperesente di le 10 go ya go 15, go ya ka se ba mo diretseng sone.

◼ Dipina: Diphuthego di ka nna tsa rata go ikatisetsa go sa le gale go opela dipina tse di tla bong di dirisiwa kwa kopanong.

Dipina Tsa Labotlhano: 190, 79, 42, 57, 157, le 191.

Dipina Tsa Matlhatso: 215, 123, 207, 46, 3, le 10.

Dipina Tsa Sontaga: 163, 209, 4, 98, 8, le 212.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela