“Itshupeng Lo na Le Tebogo”
1 Fa Jesu a sena go fodisa balepero ba le lesome, ke a le mongwe fela wa bone yo a ileng a boa a tla go mo leboga. Jesu o ne a botsa jaana: “Go ne ga ntlafadiwa ba ba lesome, ga ke re? Jaanong ba bangwe ba le robongwe ba kae?” (Luke 17:11-19) A bo go le botlhokwa jang ne gore re anaanele le go bontsha fa re lebogela mpho nngwe le nngwe e e molemo le e e itekanetseng e re e newang ke Rraarona yo o kwa legodimong yo o pelotshweu le yo o lorato, e bong Jehofa Modimo!—Bakol. 3:15; Jak. 1:17.
2 Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di lebogela? Re lebogela thekololo, mpho e e di gaisang tsotlhe e Modimo a e neileng batho. (Joh. 3:16) Gape re leboga Jehofa go bo a re gogela kwa go ene. (Joh. 6:44) Lebaka lengwe le le dirang gore re leboge ke kutlwano e re nang le yone mo phuthegong ya Bokeresete. (Pes. 133:1-3) Ga go pelaelo gore, go na le dimpho tse dingwe tse dintsi tse o ka akanyang ka tsone tse di tswang kwa go Jehofa. Le ka motlha ga re batle go tshwana le Baiseraele ba ba neng ba se ka ba bontsha kanaanelo ka go lebala dilo tse Jehofa a neng a ba diretse tsone!—Pes. 106:12, 13.
3 Bontsha Tebogo: Le fa gone balepero botlhe ba le lesome ba ka tswa ba ile ba anaanela se Jesu a ba diretseng sone, ke a le mongwe fela yo o neng a itshupa a na le tebogo. (Luke 17:15) Le rona re bontsha kanaanelo ya rona ka go nna le seabe ka botlalo mo bodireding. Fa ruri re leboga se Rraarona yo o kwa legodimong a re diretseng sone, dipelo tsa rona di tla tlhotlheletsega go etsa lorato lwa gagwe le bopelotshweu jwa gagwe ka go bolelela batho ba bangwe ka ene. (Luke 6:45) Fa re bolelela ba bangwe ka ‘ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa le dikakanyo tsa gagwe mo go rona,’ lorato le kanaanelo ya rona ka ene di tla gola.—Pes. 40:5.
4 Tlhotlheletsa ba Bangwe go Bontsha Kanaanelo: Re tshwanetse go batla ditsela tsa go thusa bana ba rona le batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba bontshe kanaanelo. Batsadi ba na le ditshono di le dintsi tsa go dira jalo, tse di jaaka fa ba na le bana ba bone mme ba lebile dilo tse Jehofa a di bopileng. (Bar. 1:20) Fa re tshwere thuto ya Baebele, re ka botsa moithuti jaana, “Seno se re bontsha gore Jehofa ke motho yo o ntseng jang?” Fa kanaanelo ya moithuti e ntse e gola, lorato lo a ratang Modimo ka lone le go ititaya sehuba ga gagwe go mo itumedisa go tla gola.
5 Mo metlheng eno ya bofelo, batho ba le bantsi ga ba na tebogo e bile ga ba na kanaanelo. (2 Tim. 3:1, 2) Ruri Jehofa o tshwanetse a bo a itumela tota go bona batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba bontsha tebogo ka go nna le seabe ka tlhagafalo mo bodireding!—Jak. 1:22-25.