LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/08 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Gore re Apara Eng le Gore re Lebega Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 3/08 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Re tshwanetse go apara jang fa re etela mafelo a a dirisediwang tirelo ya ga Jehofa?

Mo lefatsheng lotlhe, Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano, magae a Bethele le dikago tsa makala ke mafelo a a kgethegileng a a dirisediwang tirelo ya ga Jehofa. Ke mafelo a a bori, a a phepa, a a rulagantsweng sentle mme ka ntlha ya seno a na le seriti. A farologane thata le se re se bonang mo tsamaisong eno ya dilo ya ga Satane. Batho ba ba etelang mafelo a a dirisediwang tirelo ya ga Jehofa le bone ba tshwanetse go bonala sentle gore ke batho ba ga Jehofa, ba ba dirang thato ya gagwe.

Rona Bakeresete re tshwanetse go “itshupa re le badiredi ba Modimo” ka ditsela tsotlhe, go akaretsa le tsela e re aparang le go ipaakanyang ka yone. (2 Bakor. 6:3, 4) Gape re tshwanetse go itshwara ka tsela e e siameng. Ka dinako tsotlhe re tshwanetse go apara le go ipaakanya ka tsela e e bontshang tlotlo le seriti tse di tshwanelang batlhanka ba ga Jehofa Modimo. Re tshwanetse go dira jalo segolobogolo fa re etela dikago tsa ntlokgolo kwa New York le tsa makala lefatshe ka bophara.

Fa buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa e bua ka moaparo o o siameng le go ipaakanya, e gatelela botlhokwa jwa go nna phepa mo mmeleng, go apara ka bori le go ipaakanya sentle fa re nna le seabe mo bodireding jwa tshimo le fa re ya dipokanong tsa Bokeresete. Go tswa foo, mo tsebeng ya 138, serapa 3, ya re: “Se lebale gore leina Bethele le kaya ‘Ntlo ya Modimo.’ Ka gone, moaparo wa rona, tsela e re ipaakanyang ka yone le tsela e re itshwarang ka yone di tshwanetse go dumalana le se se lebeletsweng mo go rona fa re ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi.” Baboledi ba Bogosi ba ba etelang Bethele ba ba tswang mo mafelong a a gaufi le yone kgotsa ba ba tswang kgakala ba tshwanetse go ikobela thulaganyo eno ya maemo a a kwa godimo. Fa ba dira jalo, ba tla bo ba bontsha kanaanelo le tlotlo e e tshwanetseng.—Pes. 29:2.

Moaparo wa rona o tshwanetse go bontsha gore re batho ba ba “ipolelang fa ba tlotla Modimo.” (1 Tim. 2:10) Go apara le go ipaakanya ka tsela e e tshwanetseng go na le tlhotlheletso e e molemo mo tseleng e ba bangwe ba lebang kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa ka yone. Le fa go ntse jalo, go etswe tlhoko gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba se kae ba apara botlhaswa le diaparo tse di bonaletsang fa ba etela mafelo a a dirisediwang tirelo ya ga Jehofa. Moaparo o o ntseng jalo ga o a tshwanela Bakeresete ka nako epe fela. Mo kgannyeng eno, fela jaaka go ntse le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa rona jwa Bokeresete, re batla go latela melao ya maemo a a kwa godimo e e tlhaolang batho ba Modimo mo lefatsheng leno ka go dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.—Bar. 12:2; 1 Bakor. 10:31.

Ka jalo fa o etela ntlokgolo le lekala la kwa New York State kgotsa dikago tse dingwe tsa makala, e ka ne o rulagantse go etela teng kgotsa o le mo malatsing a boikhutso o etetse mafelo a bojanala, ipotse jaana: ‘A tsela e ke apareng le go ipaakanya ka yone e tshwanela bori, bophepa le seriti sa lefelo leno le ke tla bong ke le etetse? A e bontsha go tlotla Modimo yo ke mo obamelang? A batho ba bangwe ba tla itewa tsebe kgotsa go kgopisiwa ke tsela e ke lebegang ka yone?’ E kete ka metlha re ka ‘kgabisa thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe’ ka tsela e re aparang le go ipaakanya ka yone!—Tito 2:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela